AMOSE 6 - Setswana 1970(TSW70)

Tshenyego ya Baiseraele le tatlhego ya bone

1A tatlhego ya bone wee ba ba ikgodisetsang Sione, ba ba ikanyang thaba ya Samaria! Ba e leng ditlhogo tsa moeteledi pele wa ditšhaba, ba ba okameng Baiseraele.

2Tshelelang kwa Kalene, lo ye go bona; lo tswe teng lo ye kwa Hamathe yo mogolo, lo be lo ye kwa Gathe wa Bafelesita. A ga ke re, ba phala magosi ano! A ga ke re, mafatshe a bone a atlhame bogolo go a lona!

3Lona ba lo reng lo kgakala le letsatsi le le bosula, mme lo atametsa tshiamololo gore e nnele ruri;

4ba lo rapamang mo malaong a dinaka tsa ditlou, lo itshidila mo “disofeng” tse di boleta, lo ja dikwana tsa letsomane le dinamane tse di tswang mo lesakeng;

5ba lo opelang dipina tsa boeleele le medumo ya harepa; lo itlhoma lo itiretse diletso jaaka Dafita;

6ba lo nwang weine ka megotšwana ya ditshupelo; lo tlôla lookwane lo lo tlhaotsweng, mme lo sa utlwele tshenyego ya Josefa botlhoko;

7ke ka moo lo tla isiwang mo botshwarong jaanong, lo etelela batshwarwi pele; mme tlhapelo ya ba ba rapameng mo malaong e tla khutla.

8Morena Modimo o ikanne ka bophelo jwa gagwe, go bua Morena, Modimo wa masomosomo, a re: “Ke tenwa ke boikgodiso jwa Jakobe, ke ila matlo a borena a bone; ke ka moo ke latlhang motse le tsotlhe tse di mo go ona.”

9Mme le fa go ka sala banna ba le some mo ntlong e le nngwe, ba tla swa.

10Jaanong fa wa ga gabo moswi yo o mo fisang a mo tsaya go tlosa setoto mo ntlong, a raya yo o kwa tengteng ga ntlo a re: “A o sa ntse o na le yo mongwe?”

Mme yoo a araba a re: “Ba feleletse,” foo mofitlhi o tla re: “Didimala o re tu! Leina la Morena le se ka la umakiwa.”

11Gonne bonang, Morena o tla laola gore ntlo e kgolo e itewe, e phatlakanngwe, le ntlo e nnyane e itewe, e thubaganngwe.

12A dipitse di ka siana mo mafikeng? Gongwe a lewatle le ka lengwa ka dipholo? Gonne lo fetotse katlholo mogau, le leungo la tshiamo lo le fetotse longana.

13Lona ba lo thabelang motse wa “Se-e-seng-sepe”, lo re: “A ga re a thopa wa Karenaime ka thata ya rona?”

14Gonne bonang, lona Baiseraele, go bua Morena, Modimo wa masomosomo, a re: “Ke tla lo tsosetsa setšhaba se se tla lo pitlaganyang go simolola ntlheng ya Hamathe le go fitlha kwa molapong wa sekaka.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help