DIPESALEME 130 - Setswana 1970(TSW70)

Selelo sa motlalediwi

1Sefela sa go ya Tempeleng.

Ke goela kwa go wena

Morena, ke le mo botennye.

2Morena, utlwa lentswe la me;

a ditsebe tsa gago

di nne di tlhokomele

mekokotlelo e ke e tlhatlosang.

3 Morena, fa o ka lotolotsa melato,

Morena, go ka ema mang?

4Mme boitshwarelo bo fa go wena

gore o tle o boifiwe.

5Ke lebeletse Morena,

mowa wa me o lebeletse,

ke bile ke solofela lefoko la gagwe.

6Mowa wa me o lebeletse Morena

go gaisa badisa,

fa ba lebeletse moso,

ee, go gaisa badisa,

fa ba lebeletse moso.

7Iseraele, o lebelele Morena;

gonne bopelotlhomogi

bo mo Moreneng;

o na le kgololo e kgolo.

8Ke ene yo o tla gololang Iseraele

mo ditshiamololong

tsotlhe tsa gagwe.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help