1“Ka letsatsi leo motswedi o tla tswelela ba ntlo ya Dafita le baagi ba Jerusalema, o tlosa boleo le maswe.”
2Morena wa masomosomo a re: “Ka letsatsi leo ke tla nyeletsa maina a medimo ya diseto mo lefatsheng gore e se ka ya tlhola e gopolwa; le gona ke tla tlosa baporofeti ba maaka le mowa o o maswe mo lefatsheng.
3Mme e tla re fa mongwe a sa ntse a ka itira moporofeti, rraagwe le mmaagwe ba ba mo tsetseng ba mo ree ba re: ‘Ga ò na go phela, gonne ò buile maaka mo leineng la Morena.’ Mme rraagwe le mmaagwe, batsadi ba gagwe, ba tla mo phololetsa, fa a re o bolela Lefoko la Modimo.
4Ka letsatsi leo baporofeti ba tla tlhajwa ke ditlhong, mongwe le mongwe ka ntlha ya pono e a reng o e bonye, fa a re o bolela Lefoko la Modimo. Ga ba kitla ba apara kobo ya boporofeti e e boboa gore ba tle ba tsietse ka yona.
5Mme o tla re: ‘Ga ke moporofeti! Ke monna yo o lemang masimo; gonne motho o nthekile go nna lekgoba go tswa bokaung jwa me.’
6Mme fa a bodiwa gore mabadi ao a a mo sehubeng fa gare ga mabogo a gago, ke a eng? o tla fetola a re: ‘Ke iteilwe mo ntlong ya baratiwa ba me.’
Taelo ya go bolaya modisa wa Modimo7“Tšhaka, tsogela modisa wa me, le monna yo o nang le nna,” go bua Morena wa masomosomo; “itaya modisa gore dinku di phatlalale; mme ke tla busetsa letsogo la me kwa go tse dipotlana.”
8Morena a re: “Mo lefatsheng lotlhe karolo tse pedi tsa batho ba lone di tla nyelediwa, di e swa, mme karolo ya boraro e tla sadisiwa mo go lone.
9Mme ke tla tsenya karolo ya boraro mo molelong gore ba gakologe, ba itsheke jaaka go itshekisiwa selefera; ke ba tlhatlhoba jaaka gouta e tlhatlhojwa. Bao ba tla rapela leina la me, mme ke tla ba utlwa ke re: ‘Ke bone morafe wa me!’ Mme bone ba tla re: ‘Morena, Modimo wa rona!’
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.
