1Jaanong Hirame kgosi ya Tiro a roma barongwi kwa go Dafita, a ba a romela le dikgong tsa mesetere le babopedi ba dipota le babetli ba dikgong gore ba mo agele ntlo.
2Dafita o na a lemoga jalo, fa Morena a mo tlhomamisitse go nna kgosi ya Iseraele, a bile a tlotlomatsa bogosi jwa gagwe ka ntlha ya morafe wa gagwe wa Iseraele.
3Dafita a tswelela go tsaya basadi ba bangwe gape a le mo Jerusalema; a ba a tsala bomorwa le bomorwadi gape.
4Maina a bona ba o ba belegetsweng kwa Jerusalema ke a: Samua le Sobabe le Nathane le Salomo
5le Ibegare le Elisua le Elephelete
6le Noga le Nefege le Jafia
7le Elisama le Beleyata le Elifelete.
Bafelesita ba a fenngwa(2 Sam. 5:17-25)8E rile Bafelesita ba utlwa go twe, Dafita o tloditswe go nna kgosi ya Baiseraele botlhe, ba bolola botlhe go mmatla; ya re a utlwa jalo, a bolola go ba kgatlhantsha.
9Bafelesita ba tla ba anama mo lebaleng la Refaime.
10Ke fa Dafita a botsa Modimo a re: “A ke bololele Bafelesita? A o tla ba neela mo diatleng tsa me?” Morena a mo raya a re: “Bolola, ke tla ba neela mo diatleng tsa gago.”
11Jaanong ya re Bafelesita ba bolola kwa Baale-Pherasime, Dafita a ba fenya teng; a ba a re: “Modimo o gogotse baba ba me ka letsogo la me jaaka go gogola metsi.” Ke ka moo felo foo go teilweng leina la Baale-Pherasime.
12Ba tlogela medimo ya bone teng, mme Dafita a laela gore e fisiwe ka molelo.
13Mme Bafelesita ba boelela ba anama mo lebaleng.
14Ya re Dafita a botsa Modimo gape, wa mo raya wa re: “O se ka wa bolola go ba latelela; ba pote ka fa, o ba tlhasele ntlheng ya ditlhatshana tsa boroku.
15Mme e re ò utlwa mosumo wa dikgato mo godimo ga ditlhatshana tsa boroku foo o bolole go ya go tlhabana; gonne Modimo o tla bo o bolotse o go eteletse pele go fenya mephato ya Bafelesita.”
16Dafita a dira ka fa Modimo o mo laetseng ka teng. Ba fenya mephato ya Bafelesita go tloga kwa Gibeone go fitlha kwa Gesere.
17Tumo ya ga Dafita ya utlwala kwa mafatsheng otlhe. Morena a dira gore ditšhaba tsotlhe di mmoife.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.
