DIPESALEME 44 - Setswana 1970(TSW70)

Selelo sa babogisiwi

1Sefela sa thuto sa boora Kora se se kwaletsweng moopedisi.

2Modimo, re utlwile ka ditsebe,

borraetsho ba re boleletse ba re,

o dirile tiro mo metlheng ya bona,

malatsing a bogologolo.

3O lelekile merafe

ka letsogo la gago,

mme bona wa ba tlhoma;

o sentse ditšhaba,

mme bona wa ba anamisa.

4Gonne ba ruile lefatshe,

e seng ka marumo a bona,

e bile ga se mabogo a bona

a a ba neileng phenyo;

mme ke seatla sa gago se se jang

le letsogo la gago

le lesedi la sefatlhego sa gago;

gonne o ne o natefelwa ke bona.

5Modimo, ke wena kgosi ya me;

laolela Jakobe diphenyo.

6Re tla diga baganetsi ba rona

ka wena;

ba ba re tsogelang re tla ba gataka

ka leina la gago.

7Gonne ga ke ikanye bora jwa me,

le tšhaka ya me

ga e nke e mpha phenyo.

8Mme ke wena o re namolang baba,

o tlhabisa ba ba re tlhoileng

ditlhong.

9Re tla ipelafatsa ka gale

ka Modimo;

re baka leina la gago

ka bosenabokhutlo. Sela.

10Le fa go ntse jalo o re latlhile,

wa re tlhabisa ditlhong,

mme ga o a bolola

le mephato ya rona.

11O re katisa ka morago

fa pele ga mmaba,

mme ba ba re tlhoileng

ba thopa di-tsa-rona.

12O re abetse go tlhajwa jaaka dinku;

o re faladitse mo merafeng.

13O rekisitse batho ba gago

ka tlhwatlhwa e e seng ya sepe;

wa se ka wa bapala sepe

ka tlhwatlhwa ya bona.

14O re dira nyatsego

mo go ba re bapileng nabo,

le tshotlo le setshego

mo go ba ba tikologong ya rona.

15O re dira seane mo ditšhabeng,

re ba ba thukhuthelwang ditlhogo

ke merafe.

16Tshotlego ya me

e eme fa pele ga me ka gale;

ditlhong tsa sefatlhego sa me

di nkhurumeditse

17ka ntlha ya go utlwa mosotli

le mokgadi,

le ka ntlha ya go bona mmaba

le moipusolosetsi.

18Tsotlhe tseo di re wetse,

etswe re sa go lebala

le e seng go ikanyologa

kgolagano ya gago.

19Dipelo tsa rona

ga di a ka tsa kata ka morago,

le dinao tsa rona ga di a ka

tsa fapoga tsela ya gago.

20Le fa go ntse jalo o re papetletse

mo mafelong a diphokojwe,

wa re khurumetsa

ka moriti wa loso.

21Fa re ka bo re lebetse

leina la Modimo wa rona,

gongwe ra otlololela

modimo wa seeng mabogo,

22a Modimo o ka bo

o sa go tlhotlhomisa,

ka e le ona o o itseng

se se fitlhegileng mo pelong?

23Mme re tlhola re bolawa

ka ntlha ya gago,

re kaiwa jaaka dinku tsa tlhabo.

24Thanya, Morena! O robaletseng?

Tloga o eme,

o se ka wa re latlhela ruri.

25O fitlhelang sefatlhego sa gago,

o lebalelang pogisego ya rona

le patikego ya rona?

26Gonne mewa ya rona

e obegetse mo loroleng,

mebele ya rona e kgomaretse mmu.

27Nanoga o re thuse, o be o re golole

ka ntlha ya bopelotlhomogi

jwa gago.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help