1Mme Josafate kgosi ya Juta a boela gae kwa Jerusalema ka kagiso.
2Ke fa mmoni Jehu morwa Hanani a mo kgatlhantsha, a raya kgosi Josafate a re: “A ke tshwanelo go thusa moikepi? A o rata ba ba tlhoileng Morena? Ke ka moo bogale jwa Morena bo go tukelang.
3Le gale tse di siameng di fitlhetswe mo go wena, ka o nyeleditse medimako ya Ašera mo lefatsheng, wa ela tlhoko go batla Modimo.”
Dintšhwafatso tsa ga Josafate4Mme Josafate a nna kwa Jerusalema. A boela a tswela kwa bathong, a simolola kwa Bereseba go ya go fitlha kwa dithabeng tsa Eferaime, a ba busetsa kwa Moreneng, Modimo wa borraabo.
5A ba a tlhoma baatlhodi mo lefatsheng mo metseng yotlhe ya Juta e e femetsweng.
6A ba a laela baatlhodi a re: “Elang tlhoko se lo se dirang. Gonne ga lo baatlhodi go direla batho, mme e le go direla Morena; e bile o na le lona mo ditshekong.
7Jaanong he, lo nne ba ba boifang Morena, lo dire ka tlhokomelo; gonne mo Moreneng, Modimo wa rona, ga go na tshiamololo le e seng go gobelelela motho le e seng go tshola thelesetso.”
8Le mo Jerusalema Josafate a tlhoma bangwe ba Balefi le ba baperesiti le ba ditlhogo tsa dikgoro tsa Baiseraele go emela tshiamo ya Morena le go seka dikgang tsa baagi ba Jerusalema.
9A ba a ba laela a re: “Dirang jaana ka go boifa Morena le ka boikanyego le ka pelo yotlhe:
10Tshekong nngwe le nngwe e e tlisiwang kwa go lona e tswa kwa go ba ga lona ba ba agileng kwa metseng ya bone, le fa e le ya polao gongwe ya molao le taolo gongwe ya ditshwanelo le ditshiamelo, lo ba tlhagise, e se re gongwe ba itsenya mo molatong fa pele ga Morena, mme bogale jwa tla, jwa lo betsa le ba ga lona. Dirang jalo; foo ga lo kitla lo nna molato.
11Mme bonang, Amaria moperesiti yo mogolo o tla lo okamela mo dilong tsotlhe tsa Morena le Sebatya morwa Isemaele, moetapele wa lotso lwa Juta, mo dilong tsotlhe tsa kgosi. Mme Balefi ba tla lo direla e le bakwaledi. Emang senna, lo tshware tiro. A Morena a nne le yo o siameng!”
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.
