JOBE 40 - Setswana 1970(TSW70)

1 Morena a araba Jobe a re:

2“A mongongoregi o rata go lwa le Mong-wa-thata-yotlhe? Yo o sekang le Modimo a a fetole!”

Jobe o a araba

3Ke fa Jobe a araba Morena a re:

4“Bona, ga ke lekane.

Nka go araba ka reng?

Ke itshwara molomo.

5Ke buile gangwe,

ga nkitla ke boelela;

ee, gabedi,

mme ga nkitla ke araba gape.”

Morena

o fetola Jobe

6 Morena a ba a fetola Jobe, a le mo ledimong, a re:

7“A ko o itlame letheka

jaaka monna!

Ke tla go botsa, o nthute!

8A tota o a re

o roba tshiamo ya me?

A o a re o mpona molato

gore o nne yo o siameng?

9A o na le letsogo

le le kana ka la Modimo?

A o ka dumisa maru

ka lentswe jaaka ona?

10A ko o ikgabise ka borena

le bogolo;

o ikapese ka phatsimo

le kgalalelo!

11Gorometsa dikgakalo tsa bogale

jwa gago,

o bone mongwe le mongwe

yo o ikgodisang, o mo kokobetse.

12Leba botlhe ba ba ikgodisang

o ba inamise;

o gatake baikepi fa ba leng teng!

13Botlhe o ba fitlhe mo leroleng;

difatlhego tsa bone o di ise

kwa di sa tlholeng di ka bonwa.

14Foo le nna ke tla go boka ke re:

‘Letsogo le le jang la gago

le go thusitse.’

15A ko o bone kubu e ke e dirileng

jaaka le wena ke go dirile!

E fula bojang jaaka kgomo.

16A ko o bone,

thata ya yona e mo lethekeng;

nonofo ya yona

e mo mesifeng ya mpa.

17E tlhamalatsa mogatla wa yona

jaaka kota ya mosetere;

mesifa ya dirope tsa yona

e raraanye.

18Marapo a yona

a tshwana le kgotlho e e logapa;

dikgopo tsa yona

di ntse jaaka tshipi.

19Yona ke moetapele

wa ditsela tsa Modimo;

yo o e dirileng

o e file tšhaka ya yona.

20Ee, dithaba di e ntshetsa dijo;

diphologolo tsotlhe tsa naga

di tshameka teng.

21E a tle e bothe

fa tlase ga ditlhare

le mo maiphitlhong

a motlhaka le loraga.

22Ditlhare di e okame ka meriti,

megokare ya noka e e dikanyetse.

23Bona, le fa noka e ka tlala,

ga e tshabe;

e ntse e iketlile,

le fa noka e e kana ka Joretane

e ka tshologela

mo leganong la yona.

24Ke mang yo o ka e tshwarang

e ntse e mo lebile,

a e phunye nko ka lomapo?

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help