DIPESALEME 65 - Setswana 1970(TSW70)

Sefela sa go baka molemo wa Modimo

1Pesalome ya ga Dafita. Sefela se se kwaletsweng moopedisi.

2Modimo, o tshwanetswe ke sefela

sa pako mo Sione,

maikano o tla a direlwa.

3Wena yo o utlwang thapelo,

batho botlhe ba tla tla go wena.

4Dilo tse di molato di mpaletse.

Ditlolo tsa rona

wena o tla di ruanya.

5Go sego ena yo ò mo itlhaolelang,

ò mo ikatametsa,

gore a age mo malapeng a gago.

Re tla kgora molemo

wa Ntlo ya gago,

le boitshepo jwa Tempele ya gago.

6O re araba ka tshiamo

ka dilo tse di boitshegang,

wena Modimo wa pholoso ya rona

o o ikanngwang

ke dikhutlo tsotlhe tsa lefatshe

le dintshi tse di kgakala.

7O thatafatsa dithaba

ka thata ya gago,

o itlamile ka nonofo.

8O didimatsa kgwaso ya mawatle,

kgwaso ya makhubu a ona,

le khuduo ya merafe,

9gore ba ba agileng kwa dikhutlong

tsa lefatshe

ba boife ditshupo tsa gago;

mafatshe a botlhabatsatsi

le bophirimatsatsi

o a tlatsa tuduetso.

10O lekotse lefatshe, wa le fa letlotlo,

o le humisa thata;

noka ya Modimo e tletse metsi.

O ba baakanyetsa mabele;

gonne o e baakanya jalo.

11O nosa ditemo tsa lone,

o thuba makwete a lone,

o le kolobisa ka medupe,

o tshegofatsa go tlhoga ga dijwalo

tsa lone.

12O rwesa ngwaga

ka molemo wa gago,

ditselana tsa gago di rotha monono.

13Mafulo a naga a a tshutshuma;

dithota di itlamile ka tuduetso.

14Mafulo a apesitswe ka matsomane;

mekgatsha e khurumeditswe

ka mabele;

di duduetsa tsotlhe, di a opela.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help