DIPESALEME 115 - Setswana 1970(TSW70)

Kgalalelo ya Modimo wa nnete, le bosengsepe wa medimo ya diseto

1Se nee rona, Morena,

se nee rona,

mme o nee leina la gago kgalalelo

ka ntlha ya bopelotlhomogi jwa

gago le ka ntlha ya

boammaaruri jwa gago.

2Baditšhaba ba tla buelang ba re:

“Kana Modimo wa bona o kae?”

3Athe Modimo wa rona

o mo legodimong,

o dira tsotlhe

tse o ratang go di dira.

4Medimo ya bona ya diseto

ke selefera le gouta,

ke tiro ya diatla tsa batho.

5E na le melomo, mme ga e bue;

e na le matlho, mme ga e bone;

6e na le ditsebe, mme ga e utlwe;

e na le dinko, mme ga e dupe;

7e na le diatla, mme ga e tshware;

e na le dinao, mme ga e tsamae;

le gona ga e ntshe mosumo ope

ka memetso ya yona.

8Badiri ba yona ba

tla nna fela jaaka yona,

le mongwe le mongwe

yo o e ikantseng.

9A Baiseraele ba ikanye Morena;

ke ena thuso le thebe ya bona.

10A ba ntlo ya ga Arone

ba ikanye Morena;

ke ena thuso le thebe ya bona.

11A ba ba boifang Morena

ba ikanye Morena;

ke ena thuso le thebe ya bona.

12 Morena o re gopotse,

o tla tshegofatsa;

o tla tshegofatsa Baiseraele,

a tshegofatsa ba lapa la ga Arone.

13O tla tshegofatsa

ba ba boifang Morena,

bannye le bagolo.

14 Morena o tla lo atisa,

lona le bana ba lona.

15Lo tshegofaditswe ke Morena

yo o dirileng legodimo le lefatshe.

16Legodimo ke legodimo la Morena,

mme lefatshe lone o le neile bana

ba batho.

17Baswi ga ba boke Morena,

le e seng ope wa bona ba ba

fologelang kwa tidimalong,

18mme rona re baka Morena

jaanong le ka bosakhutleng.

Haleluya!

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help