MORERI 6 - Setswana 1970(TSW70)

1Go na le bosula jo ke bo bonyeng fa tlase ga letsatsi jo bo imelang batho thata:

2Ke fa Modimo o naya motho khumo le dithuo le tlotlo mo a sa tlhokeng sepe sa tsotlhe tse a di eletsang, mme Modimo o sa mo dumelele go ka di ja; mme motho yo mongwe a di ja. Selo seo ke boithamako le botlhoko jo bo galakang.

3Fa monna a ka tsala bana ba le lekgolo, a phela dinyaga tse dintsi, malatsi a dinyaga tsa gagwe a ba a nna mantsi, mme ene a se ka a kgona go kgorisa pelo ya gagwe ka tse di molemo, le gona a se ka a bona phitlho ya tlotlo – nna nka re: Phetelo e tlhogonolo bogolo go ene;

4gonne yona e tla e se ya sepe e be e tloge mo lefifing; mme leina la yona le khurumediwe ke lefifi.

5Le gona ga e a ka ya bona letsatsi le e seng go le itse; mme e na le boikhutso bogolo go yole.

6Le fa a ka phela dinyaga di le dikete tse pedi, fa a sa phela monate – ke boithamako fela. A ga ke re, dilo tsotlhe di tla ya kwa felong go le gongwe?

7Motho o itapisetsa molomo wa gagwe ka matsapa otlhe; le fa go ntse jalo, keletso ga e fele.

8Kana motlhalefi o na le eng se a phalang lesilo ka sona? Mohumi o na le eng se a gaisang mohumanegi ka sona, ka le ene a itse go phela sentle mo gare ga baphedi?

9Go itumelela se o se bonyeng go gaisa go kgarakgatshega ka keletso. Le selo se ke boithamako fela le go tshwara lephoro.

10Tse di leng teng ga di bolo go bidiwa ka maina a tsona; go itsilwe gore motho o tla nna jang; ga a na go ganela le ona o o thata bogolo go ene.

11Go na le mafoko a mantsi a a atisang boithamako. A thusa motho eng?

12Gonne ke mang yo o itseng tse di molemo mo mothong ka malatsi a a badilweng a bophelo jwa boithamako jwa gagwe, jo a bo fetisang jaaka moriti; gape ke mang yo o ka itsiseng motho se se tla dirafalang sehularong sa gagwe fa tlase ga letsatsi?

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help