JESAYA 25 - Setswana 1970(TSW70)

Pako ya Morena

yo o fenyang baba le go pholosa ba gagwe

1 Morena, o Modimo wa me!

Ke tla go tumisa,

ke baka leina la gago;

gonne o dirafaditse dikgakgamatso,

e leng maikaelelo a kgale

a a ikanyegang a boammaaruri.

2Gonne o fetotse motse

mokoa wa matlapa;

motse o o femetsweng

o o fetotse marope.

Matlo a borena a baikepi

ga e tlhole e le motse;

ga o na go agiwa gape

ka bosakhutleng.

3Ka ntlha ya moo

morafe o o tiileng

o tla go galaletsa;

motse wa ditšhaba

tse di gatelelang

o tla go boifa.

4Gonne o no o le thata

ya yo o bokoa

le phemelo ya mohumanegi

mo tlalelong ya gagwe

le botshabelo mo puleng

ya matsubutsubu

le moriti mo bolelong

jwa letsatsi.

Gonne theregiso ya barena

ba ba setlhogo

e tshwana le pula

ya matsubutsubu mo loboteng;

5e tshwana le bolelo jwa naga

e e omeletseng.

O kokobeditse modumo

wa baikepi jaaka bolelo

bo fokodiwa ke moriti wa leru;

wa didimatsa sebôkô sa barena

ba ba peloethata.

Moletlo wa merafe mo Sione

6 Morena wa masomosomo o tla etleeletsa merafe yotlhe moletlo wa dijo tse di mafura mo thabeng e; moletlo wa weine e e itshekileng, wa tse di mafura tse di tletseng moko, wa weine e e buduleng sentle.

7Le gona mo thabeng e o tla nyeletsa lesire le le adilweng godimo ga merafe yotlhe, le kobo e ditšhaba tsotlhe di bipilweng ka yona.

8O tla nyeletsa loso ka go sa feleng. Modimo, Morena o tla phimola dikeledi mo difatlhegong tsotlhe, a tlosa kgobo ya morafe wa gagwe mo lefatsheng lotlhe. Gonne Morena o buile jalo.

9Mo metlheng eo ba tla re: “Bonang, Modimo wa rona ke oo, o re neng re solofela mo go ona gore o re pholose. Morena ke yoo, yo re neng re mo lebeletse. Jaanong a re duduetseng, re itumelele thuso ya gagwe!”

Modimo o tla betsa Moabe

10Gonne seatla sa Morena se tla nna mo thabeng e, mme Moabe o tla gatakelwa fa fatshe mo felong ga gagwe jaaka go gatakwa dikokole mo metsing a kgatampi ya malôkô.

11Le fa a phutholola mabogo a le mo teng jaaka mothumi a a phutholola a ntse a šapa, Morena o tla mo gatelela, le fa ene a ntse a leka go tswa, a itapisa mabogo.

12Phemelo ya dipota tsa gagwe tse di godimo Morena o tla e diga, a e kokobetsa, a e digela fa fatshe mo leroleng.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help