1 SAMUELE 20 - Setswana 1970(TSW70)

Kgolagano ya ga Dafita le Jonathane e a tlhomamisiwa

1Mme Dafita a tshaba, a tswa mo matlong a baporofeti kwa Rama, a fitlha fa go Jonathane, a mmotsa a re: “Ke dirileng? Molato wa me ke eng? Ke leofileng fa pele ga rraago mo a batlang go mpolaya?”

2Mme Jonathane a mo raya a re: “A go nne kgakala. Ga o kitla o swa. Bona, rre ga a dire sepe se segolo gongwe se sebotlana a ise a se ntshenolele. E ka nna ka ntlha ya eng fa rre a ntobela selo se? Ga go na se se ntseng jalo.”

3Mme Dafita a bile a ikana a re: “Rraago o itse sentle fa ke bonye bopelotlhomogi mo matlhong a gago. O akantse go re: ‘A Jonathane a se ka a itse e se re gongwe a hutsafala.’ Fela ruri ka bophelo jwa Morena le ka bophelo jwa gago go na le kgato e le nngwe fela fa gare ga me le loso.”

4Ke fa Jonathane a raya Dafita a re: “Se o se eletsang ke tla se go direla.”

5Dafita a raya Jonathane a re: “Kamoso ngwedi o tsoga o rogwa. Tota ke ne ke tshwanetse go nna le kgosi fa dijong. Mme nte ke iphitlhe mo nageng go fitlha mantsiboeng a letsatsi la boraro.

6Fa rraago a ka ntlhoka, o bolele o re: ‘Dafita o ikopile mo go nna gore a tabogele kwa Betleheme motseng wa ga gabo. Gonne go na le tlhabelo ya ngwaga gona ya losika lwetsho.’

7Fa a ka bua jaana a re: ‘Go siame!’ foo motlhanka wa gago o na le kagiso. Mme fa a galefa thata, o itse gore o setse a ikaeletse tatlhego ya me.

8Jaanong direla motlhanka wa gago ka bopelotlhomogi, gonne o tsentse motlhanka wa gago mo kgolaganong ya Morena nao. Mme fa molato o le teng mo go nna, a ke bolawe ke wena. O tla bo o nkisetsang kwa go rraago?”

9Mme Jonathane a re: “O se ka wa re jalo! Kana fa ke lemoga tota gore rre o ikaeletse go go isa mo tatlhegong, ga nka ke ka tlhoka go go itsise.”

10Mme Dafita a botsa Jonathane a re: “Ke mang yo o tla mpegelang, fa rraago a go fetola ka tse di thata?”

11Ke fa Jonathane a raya Dafita a re: “Tlaya, re tswele kwa nageng!” Ba tswela kwa nageng ka bobedi jwa bone.

12Jonathane a ba a raya Dafita a re: “A Morena, Modimo wa Iseraele, e nne mosupi; ke tla botsolotsa rre kamoso mo nakong e le ka moso o mongwe; fa ke fitlhela go siametse Dafita foo ke tla roma kwa go wena, ke go senolela jalo.

13A Morena a direle Jonathane jaana a mo okeletse jaana: Fa go siametse rre go digela bosula mo go wena ruri ke tla go senolela jalo, ke go naya tsela gore o tsamae ka kagiso. Mme a Morena a nne nao jaaka a ne a na le rre.

14Ka thapelo, fa ke sa ntse ke phela ke kopa gore o ntirele ka bopelotlhomogi jwa Morena. Mme fa nka swa

15o se ka wa tlosa bopelotlhomogi jwa gago mo lapeng la me ka bosakhutleng le e seng fa Morena a nyeletsa baba ba ga Dafita ka go latelana ga bone, a ba tlosa mo lefatsheng.”

16Jonathane a dira kgolagano jalo le lelapa la ga Dafita, a re: “Morena o tla busolosa baba ba ga Dafita.”

17Jaanong Jonathane a ikanisa Dafita gape ka lorato lo a mo ratang ka lone; gonne o ne a mo rata ka pelo yotlhe.

18Jonathane a ba a mo raya a re: “Kamoso ngwedi o tsoga o rogwa. O tla tlhokwa fa o batlwa mo mannong a gago.

19Mme ka letsatsi la boraro o fologe ka pele, o tle kwa felong fa o neng o iphitlhile teng maloba, o nne fa fatshe fa thoko ga lefika la Asele.

20Jaanong ke tla hulela metsu e le meraro ka fa lotlhakoreng lwa lone jaaka e kete ke hula sengwe.

21Bona, ke tla roma mosimane ke re: ‘Yaa o batle metsu.’ Jaanong fa ke raya mosimane ke re: ‘Bona, metsu e ka kwano ga gago, e tsee!’ gona o ka tla, gonne ka bophelo jwa Morena o mo kagisong; ga go na kotsi epe.

22Mme fa ke raya lekau jaana ke re: ‘Bona, metsu e kwa pele ga gago!’ gona o tsamae, gonne Morena o tla bo a go neile tsela.

23Mme fa e le lefoko le re buileng mmogo, Morena o fa gare ga rona bosakhutheng.”

24Ke fa Dafita a iphitlha kwa nageng.

Ya re ka la ngwedi o o rogilweng, kgosi ya nna fa bojelong go ja.

25Kgosi ya nna mo mannong a yona jaaka ka gale mo mannong a a fa loboteng, Jonathane a lebaganye nae. Abenere a nna fa thoko ga Saule. Manno a ga Dafita a tlhoka mong wa ona.

26Ka letsatsi leo Saule a se ka a bua sepe; gonne o ne a gopola gore gongwe o dirafaletswe ke maila mangwe; go gongwe ga a itsheka, mme a ise a itshekisiwe.

27Mme ya re kamoso ka letsatsi la bobedi la ngwedi o o rogilweng manno a ga Dafita a tlhoka mong wa ona gape, Saule a botsa Jonathane morwawe a re: “Ke ka ntlha ya eng fa morwa Isai a se ka a tla dijong maabane le kajeno?”

28Jonathane a araba Saule a re: “Dafita o ikopile thata mo go nna go ka ya kwa Betleheme,

29a re: ‘A ko o nte ke tsamae, gonne re na le tlhabelo ya losika kwa motseng wa ga etsho. E bile nkgonne o mpiditse ka esi. Jaanong he, fa ke bonye bopelotlhomogi mo matlhong a gago, nte ke itlhaganele ke ye go bona bomogolole.’ Ke ka moo a se kang a tla bojelong jwa kgosi.”

30Ke fa Saule a tukela Jonathane bogale a mo raya a re: “Wena morwa borukhutlhi jo bo maswe! A o ithaya o re, ga ke itse fa o itlhaoletse morwa Isai? Mme e tla nna ditlhong tsa gago le ditlhong tsa mmele wa ga mmaago.

31Gonne ka malatsi otlhe a morwa Isai o phelang ka ona mo lefatsheng ga o kitla o tlhomamisiwa le e seng go dirwa kgosi. Jaanong ka re, roma o mo tlise kwano go nna, gonne o tshwanetse go bolawa.”

32Jonathane a araba Saule rraagwe a re: “O tla bo a bolaelwang? O dirile eng?”

33Ke fa Saule a mo konopa ka lerumo, a re o a mo tlhaba. Jonathane a lemoga jalo fa rragwe a feditse pelo go bolaya Dafita.

34Jaanong Jonathane a nanoga, a tlogela bojelo ka bogale jo bo tukang; a se ka a ja dijo ka letsatsi leo la bobedi la ngwedi o o rogilweng; gonne o ne a tshwenyegela Dafita, ka rraagwe a mo rogakile.

35Ya re mo mosong Jonathane a tswela kwa nageng jaaka a dumalanye le Dafita, a na le mosimanyana.

36A raya mosimane wa gagwe a re: “Siana o batle metsu e ke tla e fulang.” Ya re mosimane a taboga, a fula motsu, a o fetisa ka ene.

37Ya re mosimane a fitlha fa motsu o wetseng teng o Jonathane a o hudileng, Jonathane a tlhaeletsa mosimane a re: “Kana motsu o kwa pele ga gago!”

38Jonathane a ba a tlhaeletsa mosimane a re: “Dira ka pele, o itlhaganele, o se ka wa ema.” Ke fa mosimane wa ga Jonathane a nopa metsu, a ba a boela kwa go mongwagwe.

39Mosimane a bo a sa itse sepe, tumelano ya bo e le sephiri sa ga Jonathane le Dafita fela.

40Jaanong Jonathane a neela mosimane yo o neng a na nae dibolai tsa gagwe, a mo laela a re: “Tsamaya o di ise kwa motseng.”

41Ya re mosimane a ntse a tsamaya go ya kwa gae, Dafita a nanoga, a tswa ka fa ntlheng ya borwa, a wela fa fatshe ka sefatlhego, a inama gararo; ba atlana, ba lela mmogo; la bofelo Dafita a lela mo go fetisang.

42Jaanong Jonathane a raya Dafita a re: “Tsamaya ka kagiso! Kana re ikanne ka bobedi jwa rona ka leina la Morena ra re: ‘Morena o tla nna fa gare ga rona le fa gare ga losika lwa me le lwa gago ka bosakhutleng.’ ”

43Ke fa Dafita a nanoga a tsamaya, Jonathane ene a boela kwa motseng.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help