BAATLHODI 14 - Setswana 1970(TSW70)

Simesone le mosadi wa Thimena

1Simesone o kile a ya kwa Thimena, a bona mosadi wa bomorwadia Bafelesita kwa Thimena.

2A boa a bolelela rraagwe le mmaagwe a re: “Ke bonye mosadi wa bomorwadia Bafelesita kwa Thimena. Mme jaanong ka re: Mo mpatleleng, e nne mosadi wa me.”

3Mme rraagwe le mmaagwe ba mmotsa ba re: “A ga go na mosadi ope mo go bomorwadia ba ga eno le mo morafeng otlhe wa ga rona, fa o ya go tsaya mosadi mo go Bafelesita ba ba sa rupang?” Mme Simesone a raya rraagwe a re: “Mo mpatlele, gonne ene o kgatlha matlho wa me.”

4Mme rraagwe le mmaagwe ba bo ba sa itse, fa seo se tswa mo Moreneng; ka gonne o ne a batla sesana-nkgope mo Bafelesiteng. Kana ka sebaka seo Bafelesita ba ne ba busa Baiseraele.

5Jaanong Simesone a ya kwa Thimena, a na le rraagwe le mmaagwe. Mme ya re ba fitlha kwa masimong a moweine a Thimena, tawana ya mo kgatlhantsha e duma.

6Ke fa Mowa wa Morena o tsena mo go ene ka thata, mme a e gagoganya jaaka go gagolwa potsane, a sa tshola sepe ka diatla. Mme a se ka a bolelela rraagwe le mmaagwe se a se dirileng.

7Jaanong a ya, a bua le mosadi yoo; a ne a kgatlha matlho a ga Simesone.

8Ya re morago ga malatsi a se kae a boela teng go mo nyala, a fapoga go ya go bona setoto sa tau ele, a fitlhela go le motshitshi wa dinotshe mo sekgoropeng sa tau le mafura a tsona.

9A a rafela mo diatleng, a tsamaya a ntse a a ja; a ya kwa go rraagwe le mmaagwe, a ba naya, ba a ja, mme a se ka a ba bolelela, fa a rafile mafura a dinotshe mo sekgoropeng sa tau.

10Ya re rraagwe a fitlha kwa mosading yoo, Simesone a baakanya moletlo teng, ka makau a ne a dira jalo.

11Ya re Bafelesita ba mmona, ba tlisa balekane ba le 30 gore ba nne nae.

12Bao Simesone a ba raya a re: “A nke ke lo tlhabele nyepo. Fa lo ka e mphuthololela mo malatsing a supa a moletlo, lwa e lemoga, foo ke tla lo naya dihempe di le 30 le diaparo tsa mokgabo di le 30.

13Mme fa lo palelwa ke go e ntepololela, lona lo tshwanetse go mpha dihempe di le 30 le diaparo tsa mokgabo di le 30.” Ba mo araba ba re: “E tlhabe, re e utlwe.”

14A e ba bolela a re:

“Dijo tsa tswa mo mojing,

botshe jwa tswa

mo go mong wa thata.”

Ga feta malatsi a le mararo ba ntse ba palelwa ke go e lepolola.

15Ya re ka letsatsi la bone ba raya mosadi wa ga Simesone ba re: “Kgona monna wa gago gore a re lepololele nyepo eo, e se re gongwe ra go fisa le ntlo ya ga rraago. A lo re laleditse go tla go re humanegisa gongwe nnyaya?”

16Ke fa mosadi wa ga Simesone a lela fa go ene a re: “O ntlhoile, ga o nthate. O tlhabetse ba ga etsho nyepo, mme ga o a e ntshebela.” A mo araba a re: “Bona, ga ke a e bolelela rre le mme. A o a re nka e go bolelela?”

17Mme mosadi a lela fa go ene malatsi a supa a ba neng ba tshwere moletlo ka ona. Ya re ka letsatsi la bosupa, a e mo sebela, gonne o ne a mo emeletse thata. Mosadi a e sebela ba ga gabo.

18Ka letsatsi la bosupa le ise le phirime banna ba motse ba mo raya ba re:

“Se se gaisang mafura a

dinotshe ka botshe ke eng?

Se se phalang tau ka thata ke

eng?”

Mme a ba fetola a re: “Fa lo ka bo lo se ka lwa lema ka moroba wa me, lo ka bo lo se ka lwa lemoga nyepo ya me.”

19Ke fa Mowa wa Morena o tsena mo go ene, a ya kwa Ašekalone, a bolaya banna ba le 30 ba teng, a tsaya diaparo tsa mokgabo tsa bone, a di naya ba ba lepolotseng nyepo ya gagwe. Mme a tuka bogale, a boela kwa ga gabo.

20Mme mosadi wa ga Simesone a neelwa molekane wa gagwe, yo e neng e le motshwari mo nyalong ya gagwe.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help