DIPESALEME 35 - Setswana 1970(TSW70)

Dafita o rapela Modimo gore o betse baikepi

1Pesalome ya ga Dafita.

Morena,

ganetsa ba ba nkganetsang;

tlhabana

le ba ba tlhabanang le nna.

2Tsaya thejana le thebe,

mme o nanogele thusong ya me.

3Somola lerumo

o thibelele babogisi ba me tsela;

raya mowa wa me o re:

“Ke nna pholoso ya gago.”

4Ba ba batlang go mpolaya,

a ba tlhajwe ke ditlhong,

ba nyatsege;

ba ba logang maano

go ntirela kotsi,

a ba busediwe kwa morago,

ba sosobane.

5A ba nne jaaka moko mo phefong,

a moengele wa Morena

a tle a ba kgophole.

6A tsela ya bona

e nne lefifi le boreledi,

fa moengele wa Morena

a ba leleka.

7Gonne ba nkaletse letloa la bona

ka bomo mo sephiring,

ba nkepela lemena

kwa ntle ga molato.

8A tshenyego e mo wele a sa itse;

a letloa le a le adileng sephiring

le tshware ene;

a a wele mo gopong ka esi.

9Foo mowa wa me

o tla ipela mo Moreneng,

o itumelela thuso ya gagwe.

10Marapo a me otlhe a tla re:

“Morena,

ke mang yo o tshwanang nao,

yo o gololang motlhomolapelo

mo go yo o mo fetang ka thata,

le motho wa batho le mohumanegi

mo go yo o mo thukhuthang?”

11Go tsoga basupi ba pateletso,

ba mpotsa se ke sa se itseng.

12Ba ntuela molemo ka bosula;

ke nosi fela.

13Mme nna, e rile ba lwala,

ka apara kgetse,

ka bogisa mowa wa me

ka go itima dijo;

mme thapelo ya me

e boetse sehubeng sa me.

14Ke boaboetse jaaka

e kete ke tsala ya me,

e kete ke ngwana wa ga rre;

ke tsamaile ke tlhoname

ka bohutsana jaaka motho

yo o lelelang mmaagwe.

15Mme koô ya me ba a e itumelela,

ba a phuthega;

basotli le ba ke sa ba itseng

ba a nkgobokanela,

ba a kgoba, ga ba didimale.

16Le ba e seng ba sepe

ba a sotlasotla,

ba ntšhenela meno.

17Morena, o tla leba fela

sebaka se se kana kang?

Falodisa mowa wa me

mo ditshenyong tsa bona,

o o osi wa me mo ditawaneng.

18Ke tla go leboga

mo phuthegong e kgolo,

ke go baka mo bathong ba bantsi.

19Ba e leng baba ba me,

ba se na lebaka,

a ba se intumelele;

a ba ba ntlhoileng ka bomo fela

ba se getle ka leitlho.

20Gonne ga ba bue kagiso,

ba akanya mafoko a tsietso

ka ga badidimadi mo lefatsheng.

21Ba nkatlhamiseditse melomo ba re:

“Ahee, ahee,

matlho a rona a bonye!”

22Wena Morena o bonye;

o se ka wa didimala; Morena,

o se ka wa nna kgakala le nna.

23Thanya o nanogele go nkatlholela

mo tshekong ya me,

Modimo wa me le Morena wa me.

24Nkatlhola ka fa tshiamong ya gago,

Morena, Modimo wa me,

gore ba se itumele ka nna,

25ba se bue mo dipelong tsa bona

ba re: “Ahee, re rata jalo!”

ba se re: “Re mo meditse.”

26A ba ba itumelelang tlalelo ya me

ba tlhajwe ke ditlhong,

ba sosobane mmogo.

A ba ba inkgodisetsang

ba apesiwe nyatsego le ditlhong.

27A ba ba natefelwang

ke tshiamo ya me ba ipele,

ba itumele, ba bue ka gale ba re:

“Morena o mogolo

yo o kgatlhwang ke kagiso

ya motlhanka wa gagwe.”

28Mme loleme lwa me lo tla bolela

tshiamo ya gago

le pako ya gago letsatsi lotlhe.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help