1E rile Iseraele a huduga
kwa Egepeto,
le ba lapa la ga Jakobe
mo morafeng wa puo e sele,
2Juta a nna felo ga boitshepo
ga gagwe,
le Iseraele ga puso ya gagwe.
3Lewatle le bonye jalo, la tshaba;
Joretane a boa ka morago.
4Dithaba di ne tsa ja mokaragana
jaaka diphelehu le makgabana
jaaka dikwana.
5Ke eng, wena lewatle, fa o tshaba,
le wena Joretane,
fa o kata ka morago?
6Ke eng lona dithaba,
fa lo ja mokaragana
jaaka diphelehu,
le lona makgabana,
fa lo etsa dikwana?
7Wena lefatshe,
roroma fa pele ga Morena,
fa pele ga Modimo wa ga Jakobe,
8o o fetotseng lefika letsha la metsi
le legakwa motswedi wa metsi.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.
