2 SAMUELE 14 - Setswana 1970(TSW70)

Abesalomo o busediwa gape kwa Jerusalema

1E rile Joabe morwa Seruya a lemoga gore pelo ya kgosi e tlhologeletswe Abesalomo,

2a roma motho kwa Thekoa go ya go bitsa mosadi yo o botlhale gona, a feta a mo raya a re: “A ko o ikhutsafatse, o apare diaparo tsa bohutsana; o se ka wa tlola lookwane, mme o itshole jaaka mosadi yo o sa bolong go lelela moswi.

3O be o tsene kwa kgosing, o bue nayo jaana le jaana” – a ba a mo laela se a tshwanetseng go se bua.

4Mosadi wa Thekoa a tsena kwa kgosing, a wela fa fatshe ka sefatlhego, a ikoba a re: “Thusa, kgosi!”

5Kgosi ya mmotsa ya re: “O batla eng?” A araba a re: “Ruri, ke mosadi wa motlholagadi, ke swetswe ke monna.

6Jaanong lelata la gago le ne le na le bomorwa ba le babedi; ba lwa ba le kwa nageng; mme ka go ne go se na yo o ka ba kgaoganyang, yo mongwe a itaya yo mongwe, a mmolaya.

7Bona, jaanong losika lotlhe lo tsogetse lelata la gago ba re: ‘Ntsha mmolai wa morwa-rraagwe gore re mmolae ka ntlha ya bophelo jwa morwa-rraagwe yo a mmolaileng, re nyeletse le ene moja-boswa.’ Ke go re: Ba rata go bolaya seloka se se ntshaletseng gore monna wa me a se ka a salelwa ke leina le fa e le lesalela mo lefatsheng.”

8Kgosi ya raya mosadi ya re: “Ya kwa gae, ke tla ntsha taolo ka ntlha ya gago.”

9Mme mosadi wa Thekoa a raya kgosi a re: “Kgosi, morena wa me! Molato o tla nna mo go nna le mo losikeng lwa ga etsho, mme e seng mo kgosing le e seng mo sedulong sa yona sa bogosi.”

10Kgosi ya ba ya re: “Yo o ka go tshwenyang ka puo o mo tlise go nna, mme ga a kitla a tlhola a go ama gape.”

11Mosadi a re: “A kgosi e ke e gopole Morena, Modimo wa yona, gore mmusolosi wa madi a se ka a senyetsa pele; ba se ka ba nyeletsa morwaake.” Kgosi ya re: “Ka bophelo jwa Morena! Ga go kitla go wela thiri epe ya ga morwao fa fatshe.”

12Ke fa mosadi a re: “A lelata la gago le ke le bue sengwe le kgosi, morena wa me.” Kgosi ya re: “Bua!”

13Mosadi a re: “Ke ka ntlha ya eng fa o sokamisetsa morafe wa Modimo ka tse di ntseng jalo? E re ka kgosi e buile lefoko le, e tshwana le yo o molato, ka go re kgosi e gana go busetsa molelekwa wa yona kwa gae.

14Kana re na le go swa, re tshwana le metsi a a tshologetseng fa fatshe a a sa ka keng a phuthega gape. Mme Modimo ga o tlose bophelo fela, o a akanya pele gore o se ka wa leleka fela yo o lelekilweng ke batho.

15Jaanong fa ke tlile go bua jalo le kgosi morena wa me, ke ka go re batho ba ntshositse. Mme lelata la gago la re: ‘Ke tla bua le kgosi. Motlhamongwe kgosi e tla dirafatsa kopo ya lelata la yona.’

16Ruri, kgosi e tla dumela go pholosa lelata la yona mo seatleng sa monna yo o batlang go re nyeletsa, nna le morwaake, go re ntsha mo nageng e ya Modimo.

17Mme lelata la gago la re: ‘A lefoko la kgosi morena wa me le mphe boikhutso; gonne kgosi, morena wa me, o tshwana le moengele wa Modimo go ka farologanya molemo le bosula.’ Mme a Morena, Modimo wa gago, o nne nao.”

18Ke fa kgosi e fetola, e raya mosadi e re: “O se ka wa ntobela sepe se ke tla go botsang.” Mosadi a re: “A kgosi morena wa me a ke a botse!”

19Kgosi ya re: “A seatla sa ga Joabe ga se na nao mo go tsotlhe tse?” Mosadi a araba a re: “Ka bophelo jwa gago, kgosi morena wa me! Go a pala go ka fapoga se sengwe se kgosi morena wa me o se buileng, le fa e le mo ntlheng ya le le jang gongwe mo go ya la molema: Ke nnete, Joabe motlhanka wa gago ke ene yo o ntaetseng; ke ene yo o tsentseng mafoko otlhe a mo molomong wa lelata la gago.

20Joabe motlhanka wa gago o dirile jalo gore a tle a fetole molato wa kgang e. Mme morena wa me o botlhale jaaka moengele wa Modimo ka go itse tsotlhe tse di mo lefatsheng.”

21Ke fa kgosi e raya Joabe e re: “Bona he, a go nne jalo. Ya o buse lekau leo, e bong Abesalomo.”

22Jaanong Joabe a wela fa fatshe ka sefatlhego a ikoba, a leboga kgosi. A ba a re: “Kajeno motlhanka wa gago o lemogile gore o bonye bopelotlhomogi mo matlhong a gago, kgosi, morena wa me; ka gonne kgosi e dirafaditse lefoko la motlhanka wa yona.”

23Joabe a nanoga jalo, a ya kwa Kesure, a ya go tla le Abesalomo kwa Jerusalema.

24Mme kgosi ya re: “A a gorogele kwa lapeng la gagwe, mme a se ka a bona sefatlhego sa me.” Abesalomo a gorogela kwa lapeng la gagwe, mme a se ka a bona sefatlhego sa kgosi.

Abesalomo o ruanngwa le Dafita

25Mme go ne go se monna ope yo montle mo Baiseraeleng botlhe jaaka Abesalomo yo o bokwang thata: Go tloga patong ya lonao go ya phogong ya gagwe go se na tshokamo epe mo go ene.

26O ne a ipeola ka bofelo jwa ngwaga; gonne moriri o ne o mo imela, ka moo a o beole, mme bokete jwa moriri wa gagwe e nne dišekele di le 200 ka fa seelong sa kgosi.

27Abesalomo a tsholelwa bomorwa ba le bararo le morwadi a le mongwe, leina la gagwe e le Thamare; ene e ne e le mosadi yo montle.

28Abesalomo a nna mo Jerusalema dinyaga di le pedi a ntse a sa bone sefatlhego sa kgosi.

29Jaanong a roma motho kwa go Joabe go mmitsa gore a mo rome kwa kgosing, mme a gana go tla; a roma gape la bobedi, le gona a gana.

30Ke fa Abesalomo a raya batlhanka ba gagwe a re: “Bonang tshimo ya ga Joabe e e bapileng le ya me e na le garase; yaang go e tshuba.” Mme batlhanka ba ga Abesalomo ba ya ba e tshuba.

31Ke fa Joabe a nanoga a ya kwa go Abesalomo mo ntlong, a mo raya a re: “Ke ka ntlha ya eng fa batlhanka ba gago ba fisitse tshimo ya me?”

32Abesalomo a araba Joabe a re: “Bona, ke romile motho kwa go wena gore a go bitse. Kana ke rata go go roma kwa kgosing gore o ye go mpoletsa go re: ‘Ke tloseditsweng kwa Kesure, ka tla mono? Go ka bo go le botoka mo go nna, fa nka bo ke sa le gona.’ Mme jaanong a ke bone sefatlhego sa kgosi. Fa ke na le molato, a e mpolae.”

33Joabe a tsena kwa kgosing, a e begela jalo; kgosi ya bitsa Abesalomo, a ya kwa kgosing, a feta a e ikobela, a wela fa fatshe ka sefatlhego fa pele ga kgosi. Mme kgosi ya atla Abesalomo.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help