JEREMIA 48 - Setswana 1970(TSW70)

Taelo ya Modimo ka ga Moabe

1Ka ga Moabe. Morena wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re:

“A tatlhego wee

ya thaba ya Nebo,

gonne e sentswe.

Khiriathaime o swabile,

wa thopiwa.

Kago ya phemelo

e tlhabisitswe ditlhong,

ya rerega.

2Tumiso ya Moabe

ga e tlhole e le teng.

Ba mo logetse maano a a bosula

kwa Hešebone ba re:

‘A re yeng, re mo nyeletse gore

e se ka ya tlhola e nna setšhaba.’

Le wena Matemena

o tla senngwa,

tšhaka e go latelela.

3Go goa go utlwala

kwa Horonaime

le tshenyo le thubakanyo

e kgolo.

4“Moabe o thubakantswe.

Masea a gagwe a utlwatsa selelo.

5Ee, ba tlhatloga

kwa mapalamong

a Luhithe ka selelo.

Ee, go utlwiwa

ba lelela thubakanyo

kwa mafologong a Horonaime.

6Tshabang lo ipolokele bophelo,

lo nne jaaka setlhatshana

mo sekakeng.

7“Ee, e re ka o ikantse ditiro

tsa gago le mahumo a gago,

le wena o tla thopiwa.

Modimo Kamose o tla tswa,

o ya mo botshwarong

mmogo le baperesiti ba ona

le dikgosana tsa ona.

8Mosenyi o tla tla mo motseng

mongwe le mongwe,

go se na motse ope

o o ka falolang.

Mogorogoro o tla senyega,

leboa le ntshiwa sekaka.”

Ke ka fa Morena

a buileng ka teng.

9“Nayang Moabe diphuka

gore a fofe a tshabe.

Metse ya gagwe e tla fetoga

marope a go sa tlholeng

go nna ope mo go ona.”

10Go hutsitswe yo o dirang

tiro ya Morena ka botlapa.

Go hutsitswe

yo o thibelang tšhaka ya gagwe

go tsholola madi.

Metse ya Moabe e tla senngwa

11“Moabe o ne a iketlile go tswa bonyaneng jwa gagwe, a itsheka mo dintsheng tsa gagwe, a sa tlhotlhwe, a sa ntshiwe mo nkgwaneng, a sa tshelwe mo nkgwaneng e nngwe. Ga a ka a ya mo botshwarong. Ke ka moo moutlwalo wa gagwe o setseng mo go ene. Monkgo wa gagwe ga o a fetoga.”

12Ke ka moo Morena a reng: “Itseng gore malatsi a tla tla, a ka ona ke tla mo romelang batlhotlhi; ba tla mo tlhotlha, ba tsholola ditsaga tsa gagwe, ba thuba dinkgwana tsa gagwe.

13Foo Moabe o tla tlhabisiwa ditlhong ke Kamose jaaka Baiseraele ba tlhabisitswe ditlhong ke Bethele, kwa ba neng ba go ikanya.

14“Lo ka bua jang lwa re:

‘Re bagale,

re dinatla mo tlhabanong’?

15Moabe o sentswe;

ba tsenye mo metseng ya gagwe.

Makau a gagwe a a tlhaotsweng

a ile go bolawa.”

Ke lefoko la yona kgosi

e leina la yona e leng Morena

wa masomosomo.

16“Tatlhego ya Moabe

e gaufi le go tla;

kotsi e tla mo wela

ka lobelo lo logolo.

17“Mo leleleng lotlhe

ba lo mo tikologong ya gagwe,

lotlhe ba lo itseng leina la gagwe

lo re:

‘Ijoo! Go robegile jang ne

thobane ya bogosi e e tiileng

le tsamma e ntlentle!’

18Wena moagi, morwadia Dibone,

fologa mo kgalalelong,

o nne mo nageng ya lenyora!

Gonne mosenyi wa Moabe

o tla tlhatlogela kwa go wena,

a senya diphemelo tsa gago.

19Emang mo tseleng, lo tlhole,

lona baagi ba Aroere.

Botsang monna yo o tshabileng

le mosadi yo o falotseng lo re:

‘Go dirafetseng ne?’

20Moabe o tlhabisitswe ditlhong,

gonne o thubagantswe.

Goang, lo bokolele,

lo itsise kwa Arenone lo re:

‘Moabe o sentswe!’

21“Katlholo e tlile, petso ya wela naga ya leboa le Holone le Jasa le Mefaathe;

22ya wela Dibone le Nebo le Bethe-Dibelathaime;

23ya wela Khiriathaime le Bethe-Gamule le Bethe-Meone;

24ya wela Keriothe le Bosera le metse yotlhe ya lefatshe la Moabe, e e kgakala le e e gaufi.

25Lonaka lwa Moabe lo kgaotswe. Letsogo la gagwe le robegile.” Morena o buile jalo.

Moabe o tla kokobediwa

26“Mo tagiseng, gonne o ikgodiseditse Morena gore Moabe a wele mo matlhatseng a gagwe, a sotlege le ene.

27Kampo a e ne e se Iseraele yo ò mo sotlileng? A o ne a tshwarwa a na le magodu, fa ò bileng wa mo thukhuthela tlhogo, wa mo sotla ka nako le nako, fa o bua ka ga gagwe?

28“Lona baagi ba Moabe, tlogelang metse, lo nne mo mafikeng, lo tshwane le leeba le le agang sentlhaga ntlheng ele ya molomo wa logaga.

29Re utlwetse boikgodiso jwa ga Moabe go twe, o ikgantsha thata, e bong boikgogomoso jwa gagwe le boikgodiso jwa gagwe le matepe a gagwe le go itlotla ga pelo ya gagwe.”

30Morena a re: “Ke itse kgalefo ya gagwe le maipelafatso a gagwe a maaka. Ba dirile ka bolotsana.

31Ka moo ke tla goa ka ntlha ya Moabe, ke lelela Bamoabe botlhe, ke fegelwa ka ntlha ya banna ba Kirerese.

32Lona ditlhare tsa moweine tsa Sibema, ke lo lelela bogolo go Jasere. Dikala tsa lona di tshetse lewatle, tsa fitlha kwa lewatleng la Jasere. Mosenyi o wetse maungo a lona a letlhafula le maungo a ditlhare tsa moweine.

33Go tlositswe boitumelo le lethabo mo tshimong ya ditlhare le mo lefatsheng la Moabe. Ke fedisitse weine mo dikgatelong. Ga ba nke ba e tlhotlha ka mogolokwane. Mogolokwane wa teng ga o tlhole o le monate.

34“Selelo sa Hešebone se fitlha kwa Eleale le kwa Jahase. Ba utlwatsa dikodu tsa bone go tswa kwa Soare go fitlha kwa Horonaime le kwa Egelathe-wa-boraro. Gonne metsi a Nimerime le ona a tla fetoga sekaka.

35Mo go Moabe ke tla fedisa yo o tlhatlogelang kwa thoteng ya tlhabelo, a ya go fisetsa modimo wa gagwe maswalo.” O buile jalo Morena.

36“Ka ntlha ya moo pelo ya me e lelela Moabe jaaka ditlhaka; ee, pelo ya me e lelela banna ba Kirerese jaaka ditlhaka. Kana ba senyegetswe ke leruo le ba neng ba le humile.

37Gonne botlhe ba beotswe ditlhogo, ditedu tsotlhe di pomilwe; mabogo otlhe a phatsitswe, matheka otlhe a apesitswe masela a bohutsana.

38Mo ditlhomesong tsotlhe tsa Moabe le mo dipatlelong tsa gagwe go lelelwa baswi fela. Gonne ke pšhwetlakantse Moabe jaaka sejana se se sa kgatlheng ope.” Morena o buile jalo.

39“Kana o thubakantswe jang ne! Ba goa jang! Kana Moabe o hularetse batho jang ne ka ditlhong! Moabe o tla nna tshotlo le theregiso mo go botlhe ba ba mo tikologong ya gagwe.”

Moabe ga a ka ke a rekegelwa

40Gonne Morena o bua jaana a re: “Bonang, mmaba o tla fofa jaaka lenong, a tsharololela Moabe diphuka tsa gagwe.

41Metse e thopilwe, dikago tsa phemelo mo dithabeng di fentswe. Ka letsatsi leo dipelo tsa bagale ba Moabe di tla tshwana le pelo ya mosadi yo o segwang ke metlotsedi.

42Moabe o tla senngwa, a khutla go nna morafe; gonne o ikgodisitse, a tsogela Morena.

43Therego le gopo le seru di a go tshwara, wena moagi wa Moabe.” O bua jalo Morena.

44“Yo o falolang mo theregong o tla wela mo gopong; yo o tswang mo gopong o tla tshwarwa ke seru. Ee, ke tsona tse ke tla di tlisetsang Bamoabe ka ngwaga o ke ba otlang ka ona,” go bua Morena.

45“Bafaladi ba eme mo moriting wa Hešebone, ba feletswe ke thata. Gonne molelo o dule kwa Hešebone, kgabo ya tswa mo ntlong ya ga Sihone, ya fisa ditlhakore tsa Moabe le diphogo tsa baferetlhi.

46A tatlhego ya gago wee, wena Moabe! O latlhegile, morafe wa Kamose. Gonne go thopilwe bomorwao e le batshwarwi, bomorwadio ba isiwa mo botshwarong.

47“Mme e tla re mo malatsing a a tlang, ke buse batshwarwi ba Moabe,” go bua Morena. Tsa ka tlholo ya Moabe di felela fa.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help