HESEKIELE 3 - Setswana 1970(TSW70)

Modimo o jesa moporofeti lokwalo

1A nthaya a re: “Morwa-motho, jaa se o se fitlhelang, jaa lokwalo lo, o ye o bue le Baiseraele.”

2Ka atlhama; a njesa lokwalo loo,

3a nthaya a re: “Morwa-motho, jaa lokwalo lo ke lo go nayang, o kgorise mpa ya gago.” Ka lo ja, mme lwa nna monate mo ganong la me jaaka dinotshe.

4A ba a nthaya a re: “Morwa-motho, tloga o ye kwa Baiseraeleng, o bue nabo ka mafoko a me.

5Gonne ga o rongwe kwa morafeng wa puo e e sa utlwaleng, wa loleme lo lo thata, mme e le kwa Baiseraeleng;

6e seng kwa merafeng e megolo ya dipuo tse di sa utlwegeng, ya diteme tse di makete, e o ka palelwang ke go utlwa mafoko a yona. Mme fa nka bo ke go roma kwa go yona, e ka bo e go utlwa.

7Mme Baiseraele ga ba ka ke ba dumela go go utlwa, gonne ba gana go nkutlwa. Gonne Baiseraele botlhe ba tlhogo-di-thata, ba pelo-di-thata.

8Bona, ke kwatlaladitse sefatlhego sa gago jaaka difatlhego tsa bone; ke thatafaditse tlhogo ya gago jaaka ditlhogo tsa bone.

9Ke dira tlhogo ya gago popota jaaka taemane e e popota bogolo go lefika. Se ba boife, se tshoge fa pele ga bone! Gonne bone ke losika lwa baitaodi.”

10A ba a nthaya a re: “Morwa-motho, mafoko otlhe a ke a buang nao, a tsee ka pelo, a utlwe ka ditsebe.

11O be o ye kwa batshwarwing ba morafe wa ga eno, o bue nabo, o ba ree o re: ‘Morena Modimo o bua jaana,’ le fa ba utlwa gongwe ba gana.”

12Ke fa Mowa o ntsholetsa, ke utlwa lentswe la loratla lo logolo fa morago ga me le re: “A go bakwe kgalalelo ya Morena e e tlogang mo felong ga yona.”

13Ka utlwa mosumo wa diphuka tsa diphedi tse di amanang le loratla lwa maotwana natso le tumo ya thoromo e kgolo ya lefatshe.

14Mowa wa ntsholetsa, wa ntlosa; ka tsamaya ke kgopisegile mo moweng ka botlhoko, ke imelwa ke seatla sa Morena.

15Ka fitlha kwa batshwarwing kwa Thele-Abibe, ba ba neng ba nna fa nokeng ya Kebare, kwa ba neng ba nna teng, ka nna nabo teng malatsi a supa ke ntse ke palelwa ke go bua.

Hesekiele o bewa go nna modisa(Hes. 33:1-9)

16Mme ya re malatsi a supa a sena go feta, Lefoko la Morena la tla kwa go nna la re:

17“Morwa-motho, ke go dirile modisa wa Baiseraele. E ne e re fa o utlwa lefoko le le tswang mo molomong wa me, o ba tlhagise, o romilwe ke nna.

18Fa ke raya moikepi ke re: ‘O tshwanetse go swa!’ mme o sa mo tlhagise, o sa bue sepe gore o mo tlogedise tsela e e bosula ya gagwe gore a pholosiwe, foo ene moikepi o tla swa ka boleo jwa gagwe, mme madi a gagwe ke tla a lopa mo seatleng sa gago.

19Fela fa o tlhagisa moikepi, mme a sa sokologe mo boikepong jwa gagwe le e seng go tlogela tsela e e bosula ya gagwe, ene o tla swa ka boleo jwa gagwe, mme wena o pholositse bophelo jwa gago.

20“Gape fa mosiami a tlogela tshiamo ya gagwe, a dira tshiamololo, mme ke mmeela sekgopi, ene o tla swa. Fela fa o sa mo tlhagisa, ene o tla swa ka boleo jwa gagwe; le tse di siameng tse a kileng a di dira ga di nke di gopolwa, mme madi a gagwe ke tla a lopa mo seatleng sa gago.

21Fela fa o tlhagisa mosiami gore mosiami a se ka a leofa, mme a sa leofe, ruri o tla phela, gonne o dumetse go tlhagisiwa. Le wena o tla bo o ipholositse.”

Hesekiele o tla palelwa ke go bua

22Gona koo seatla sa Morena sa ba sa nna mo go nna, a nthaya a re: “Nanoga o tswele kwa lobaleng, ke tla bua nao teng.”

23Ka nanoga, ka tswela kwa lobaleng, ka fitlhela kgalalelo ya Morena e eme gona e e tshwanang le kgalalelo e ke e bonyeng fa nokeng ya Kebare, ka ba ka wela fa fatshe ka sefatlhego.

24Ke fa Mowa o tsena mo go nna, o nkemisa ka dinao. Mme Morena a bua le nna, a nthaya a re: “Yaa o itswalele mo ntlong ya gago!

25Wena morwa-motho, itse gore ba tla go pega dikgole, ba go golega ka tsona gore o se ka wa tswela kwa go bone.

26Le gona ke tla kgomaretsa loleme lwa gago mo magalapeng a gago gore o nne semumu. Ga o nke o nna mokgalemedi wa bone, gonne ke losika lwa baitaodi.

27Mme fa ke bua nao, ke tla go bula molomo gore o ba ree o re: ‘Morena Modimo o bua jaana le jaana!’ Yo o utlwang a a utlwe! Yo o ganang a a gane! Gonne ke losika lwa baitaodi.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help