DIPESALEME 19 - Setswana 1970(TSW70)

Itshenolo ya Modimo ka dilo tsa tlholego le ka lefoko

1Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi.

2Magodimo a bolela

kgalalelo ya Modimo,

phuthologo e rera tiro tsa ona.

3Letsatsi le bilolela letsatsi

le lengwe polelo,

le bosigo bo utlwaletsa bosigo

jo bongwe kitso.

4Ga go na polelo le e seng mafoko;

modumo wa tsona ga o utlwale.

5Modumo wa ona magodimo

o tswetse mo lefatsheng lotlhe,

le mafoko a ona a fitlha

kwa mafelelong a lefatshe;

Modimo o beetse letsatsi tente

kwa go ona magodimo.

6Le tshwana le monyadi

yo o tswang mo ntlwaneng

ya borobalo ya gagwe,

le itumelela go taboga tseleng

ya lone jaaka mogale.

7Le tswa kwa bokhutlong

jwa magodimo,

le dikologa go ya bokhutlong

jo bongwe jwa ona,

mme ga go sepe se se fitlhetsweng

mogote wa lone.

8Molao wa Morena o botlalo,

o lapolosa mowa;

tshupo ya Morena e a ikanyega,

e tlhalefisa yo o sa tlhalefang.

9Ditao tsa Morena di siame,

di itumedisa pelo;

taolo ya Morena e phepa,

e bonesa matlho.

10Go boifa Morena go itshekile,

go bile go nnela ruri;

tse Morena a di siamisitseng

ke tsa nnete,

di bile di siame tsotlhe.

11Di eletsega bogolo go gouta

le bontsi jwa gouta e ntlentle;

di botshe bogolo go dinotshe,

e bong mafura a tsona.

12Le motlhanka wa gago

o sedimosediwa ka tsona;

go di tlhokomela go na le mosola

o mogolo.

13Ke mang yo o ka itemogang

diphoso tsotlhe?

Intshwarele tse di fitlhegileng.

14Le gona thibela motlhanka wa gago

mo maleong a boikgantsho,

a a se ntaole.

Foo ke tla nna mosiami,

ke se na molato wa boleo

jo bogolo.

15A mafoko a molomo wa me

le kakanyo ya pelo ya me

di go kgatlhe, Morena,

lefika la me le mogolodi wa me.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help