DIPESALEME 109 - Setswana 1970(TSW70)

Go ithapelela kgololo le go eleletsa baba petso

1Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi.

Modimo o ke o bakang,

se didimale.

2Gonne ba nkatlhamoloseditse

melomo ya boikepo le ya tsietso,

ba bua le nna ka diteme tsa maaka.

3Ba ntikanyeditse ka mafoko

a letlhoo,

ba ntlhabantsha ka bomo.

4Lorato lwa me ba lo duela

ka go ntlhabantsha,

etswe nna ke nnetse go rapela.

5Ba ntebogile ka bosula

boemong jwa molemo,

le ka letlhoo

boemong jwa lorato lwa me.

6Mo tsosetse moikepi go mo laola;

a yo o mo sekisang a eme

fa letsogong le le jang la gagwe.

7Fa a sekisiwa,

a a tswe a bonywe molato;

a thapelo ya gagwe e fetoge boleo.

8A malatsi a gagwe a ngotlege,

tirelo ya gagwe

e tsewe ke yo mongwe.

9A bana ba gagwe ba nne masiela

le mosadi wa gagwe

a nne motlholagadi.

10A bana ba gagwe

ba kgarakgatshegele kwa le kwa,

ba kope ba batle dijo,

ba le kgakala le matlotla a bona.

11A yo o mo adimileng

a lalele tsotlhe tse o nang natso;

a baeng ba thukhuthe

tse a di fufuletseng.

12A a se fitlhele ope yo o ka mo

tlhomogelang pelo ka gope;

a go se nne ope yo o utlwelang

masiela a gagwe botlhoko.

13A bana ba gagwe ba nyelediwe,

a leina la gagwe le phimolelwe ruri,

e sa le mo losikeng lwa ntlha.

14Molato wa borraagwe

a o gopolwe fa Moreneng,

le boleo jwa ga mmaagwe

a bo se phimolwe.

15A di nne fa pele ga Morena

ka gale gore a nyeletse

go gopolwa ga bona mo lefatsheng,

16ka a se ka a gopola

go dira ka lorato,

mme a bogisa motho wa tlalelo

le wa khumanego,

le yo o kaeleletsweng

gore a mmolaele ruri.

17O ne a rata khutso, a e mo wele;

o ne a sa rate tshegofatso,

a e nne kgakala nae!

18O ne a apara khutso jaaka kobo,

a e tsene mo teng ga gagwe

jaaka metsi le mo marapong

a gagwe jaaka lookwane.

19A e nne mo go ena jaaka seaparo

se a se aparang

le jaaka moitlamo

o a itlamang ka ona ka gale.

20A tseo e nne tuelo ya baganetsi

ba me e e tswang mo Moreneng,

le ya bona ba ba buang bosula

ka ga me.

21Mme wena, Morena, Mongwaka,

ntirele ka ntlha ya leina la gago;

a e re ka bopelonomi jwa gago

bo le molemo, o nkgolole.

22Gonne ke tlaletswe,

ke bile ke humanegile,

pelo ya me e tlhabilwe

mo teng ga me.

23Ke ikela jaaka moriti

o o otlologang maitsiboa,

ke tlhotlhorilwe jaaka tsie.

24Mangole a me a kgwetlhisiwa

ka go itima dijo,

nama ya me e otile,

ga e tlodiwe setlolo.

25Ke bile ke dule yo o kgobiwang

ke bona;

e a re fa ba mpona,

ba thukhuthe ditlhogo.

26A o ko o nthuse, Morena,

Modimo wa me.

A o ko o nkgolole

ka fa bopelonoming jwa gago

27gore ba lemoge,

fa tseo e le letsogo la gago,

fa wena, Morena, o dirile jalo.

28Bona ba ka hutsa,

mme wena o tshegofatse.

A ba ba ntsogetseng

ba tlhajwe ke ditlhong,

mme a motlhanka wa gago

a itumele.

29A baganetsi ba me

ba apesiwe nyatsego,

a ba iphuthe ka ditlhong tsa bona

jaaka ka kobo.

30Ke tla leboga Morena gagolo

ka molomo wa me

ke tla mmoka

mo bontsing jwa batho.

31Gonne o eme mo ntlheng

ya le le jang la mohumanegi

gore a mo golole

mo go ba ba mo atlholang.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help