1Thapelo ya motlalelwi, a itlhobogile, mme a tshololela selelo sa gagwe fa pele ga Morena.
2 Morena, utlwa thapelo ya me;
a go lelela thuso ga me go fitlhe
kwa go wena!
3Se mphitlhele sefatlhego sa gago
mo motlheng
o ke leng mo pitlaganong ka ona;
ntshekegele tsebe
motlhang ke bitsang,
o nkutlwe ka bonako.
4Gonne malatsi a me a nyelela
jaaka musi;
marapo a me a tuka molelo
jaaka serumola.
5Pelo ya me e iteilwe, e swabile
jaaka tlhaga,
ka ba ka lebala go ja sejo sa ka.
6Marapo a me a kgomaretse nama
ya me
ka ntlha ya go duma ga me
mo go thata.
7Ke tshwana le kokolofute
a le mo sekakeng;
ke ntse jaaka morubisi
o o nnang mo matlotleng.
8Ga ke bone boroko;
ke lela jaaka serobele
se se sosi mo setlhoeng sa ntlo.
9Baba ba me ba tlhola ba nkgoba;
ba ba nkgakaletseng
ba hutsa ka leina la me.
10Gonne ke ja molora jaaka bogobe;
seno sa me
ke se tlhakanya le dikeledi
11ka ntlha ya kgalefo ya gago
le kgakalo ya gago;
gonne o ntsholeditse,
wa ntatlhela fa fatshe.
12Malatsi a me a tshwana le moriti
o moleele wa maitsiboa,
ke swaba jaaka tlhaga.
13Mme wena, Morena,
o tla nnela ruri,
le segopotso sa gago
se tla nna mo tshikatshikeng.
14Wena o tla nanoga,
o utlwela Sione botlhoko;
gonne ke nako
ya go mo itshwarela;
nako e e beilweng e tsile.
15Gonne batlhanka ba gago
ba rata majwe a gagwe,
ba utlwa botlhoko,
ka a thubakilwe.
16Mme ditšhaba di tla boifa
leina la gago, Morena,
le dikgosi tsotlhe tsa lefatshe
di tla boifa kgalalelo ya gago.
17Gonne Morena o aga Sione,
o bonwa mo kgalalelong ya gagwe.
18O retologetse thapelo
ya yo o sa aparang;
ga a nyatse dithapelo tsa bona.
19Dilo tse, a di kwalelwe
losika lo lo tlang;
a batho ba ba tla tlholegang
ba boke Morena.
20Gonne o lebile kwa tlase
a le kwa bogodimong
jo bo boitshepo jwa gagwe;
Morena o lebile lefatshe
a le mo legodimong
21gore a utlwe
diphegelo tsa bagolegwi,
le gore a golole
ba ba atlholetsweng loso
22gore ba bolele leina la Morena
mo Sione
le poko ya gagwe mo Jerusalema,
23fa merafe yotlhe e phuthega,
le magosi go direla Morena.
24O koafaditse thata ya me
mo tseleng,
a khutshwafatsa malatsi a me.
25Mme ka re: “Modimo wa me,
se ntlose mo gare ga malatsi a me;
dinyaga tsa gago ke tsa
tlhatlologano ya ditshika.”
26O sa le o thaya lefatshe bogologolo,
wa dira magodimo
ka diatla tsa gago.
27Tseo di tla nyelela, wena o tla sala;
ee, di tla onala tsotlhe
jaaka seaparo;
o tla di ananya jaaka kobo;
mme di tla nyelela.
28Mme wena o sa le ena,
dinyaga tsa gago ga di nke di fela.
29Bana ba batlhanka ba gago
ba tla aga,
losika lwa bona lo tla tlhomama
fa pele ga gago.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.