DIPESALEME 101 - Setswana 1970(TSW70)

Boitsholo jwa kgosi

1Pesalome ya ga Dafita.

Ke tla opela

ka ga bopelonomi le tshiamo,

ke opelela wena Morena.

2Ke tla tlhokomela tsamao

e e thokgameng.

O tla tla leng kwano go nna?

Ke tla sepela ka pelo e e phepa

mo lapeng la me.

3Ga nke ke lesa matlho a me

go leba dilo tse di bosula.

Ke tlhoile go dira ga baikepi;

ga go nke go nkgomarela.

4Pelo e e sokameng e tshwanetse

go tloga mo go nna;

bosula ga ke rate go bo itse.

5Yo o sebang mongwe-ka-ene

mo sephiring

ke tla mo didimatsa.

Yo o matlho a boikgodiso

le pelo ya boikgogomoso

ga nka ke ka mo itshokela.

6Matlho a me a tla leba

baikanyegi ba lefatshe

gore ba phele le nna.

Ena yo o tsamayang mo tseleng

e e thokgameng o tla ntirela.

7Yo o dirang ka tsietso ga a nke

a nna mo teng ga ntlo ya me;

yo o buang maaka ga a nke a ema

fa pele ga matlho a me.

8Mo mosong mongwe le mongwe

ke tla nyeletsa baikepi botlhe

mo lefatsheng;

mo motseng wa Morena

ke bolaela ruri badiradibe botlhe.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help