JOBE 11 - Setswana 1970(TSW70)

Go bua Sofare

1Ga fetola Sofare wa Naama a re:

2“A bontsi jwa mafoko

bo na le go tlhoka karabo?

Gongwe a mmalabadi

o mo nneteng?

3A maithamako a gago

a ka didimatsa banna?

A o ka sotla go se yo o go

tlhabisang ditlhong?

4Kana o rile:

‘Thuto ya me ke e e phepa.

Ke itshekile mo matlhong

a gago!’

5E kete Modimo o ka bo o bua,

wa bo o bula molomo,

o go bolelela;

6o ka bo o go itsise diphiri

tsa botlhale,

fa bo gaisa kitso gabedi.

Foo o ka bo o itse gore

Modimo o itebatsa molato

mongwe wa gago.

7A o ka itse tse Modimo

o di itseng?

A o ka bona kitso e e tletseng

ya Mong-wa-thata-yotlhe?

8E kwa godimo mo legodimong,

ò ka kgona eng?

E kwa tlase mo felong ga baswi,

wena o itseng?

9Seelo sa yona se seleele

bogolo go lefatshe,

se atlhame bogolo go lewatle.

10Fa ona o tlhaga o go tshwara,

o go biletsa kwa tshekong,

yo o ka o thibelang ke mang?

11Gonne balotsana ona o a ba itse;

bokgopo o a bo bona,

le fa e kete ga o bo tlhokomele.

12A le seeleele se ka tlhalefa?

A eselana ya nageng

e ka fetoga motho?

13Fa wena o baakanya

pelo ya gago,

fa o o tsholeletsa diatla,

14fa diatla tsa gago

di na le bokgopo, bo tlose!

A tshiamololo e se nne

mo lapeng la ga eno!

15Ee, foo sefatlhego sa gago

o tla se tsholetsa o se na molato;

o tla bo o tlhomame

o sa boife sepe.

16Ee, foo o tla lebala tapisego;

fa o e gopola e tla tshwana

le metsi a a fetileng.

17O tla selwa ke bophelo

go phala lesedi la motshegare.

Fa go fifala,

go tla tshwana fela le fa bo sa.

18O tla gomotsega,

gonne o na le tse o di solofelang;

le fa o ka gadima,

gongwe wa okomela,

o tla robala

o le mo tshireletsong.

19O tla lala go se yo o go tshosang.

Ba bantsi ba tla eletsa

go go kgatlha.

20Mme matlho a baikepi

a tla swaba.

Botshabelo bo ba senyegetse.

Se se ba saletseng

ke go ntsha mowa wa bofelo.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help