DIPESALEME 144 - Setswana 1970(TSW70)

Thapelo ya go fenya le setshwantsho sa lesego le le kwa pele

1Pesalome ya ga Dafita.

A go bakwe Morena,

lefika la me, yo o rutileng

diatla tsa me go tlhabana

le menwana ya me go lwa;

2e bong Montlhomogelapelo

le Montshireletsi;

Momphemedi le Mompholosi;

thebe ya me le yo ke mo ikanyang,

yo o tsenyang morafe wa me

mo taolong ya me.

3 Morena, kana motho ke eng,

fa o mo itse,

le ngwana wa motho,

fa o mo tlhokomela?

4Motho o tshwana le pudulo fela;

malatsi a gagwe

a feta jaaka moriti.

5 Morena, sekamisa legodimo

la gago o fologe;

ama dithaba gore di kue musi.

6Gadimisa legadima,

mme o ba phatlalatse;

roma metsu ya gago, o ba tseanye.

7Ntsha mabogo a gago,

o le kwa godimo, o nkinole;

o ntshwatole mo merwaleleng,

mo diatleng tsa baeng,

8ba melomo ya bona

e buang maaka,

ba diatla tsa bona tse di jang

e leng tsa tsietso!

9Modimo,

ke tla go opelela sefela se sešwa,

ke go leletsa harepa ya dithapo

di le some.

10Ke wena yo o nayang dikgosi

phenyo,

yo o falodisang Dafita,

motlhanka wa gago,

mo tšhakeng e e senyang.

11Ntshwatole o nkgolole

mo diatleng tsa baeng,

ba melomo ya bona e buang maaka

ba diatla tsa bona tse di jang

e leng tsa tsietso!

12A bomorwaa-rona

ba nne mo bokaung jwa bona

jaaka ditlhatshana

tse di godisitsweng;

le bomorwadia-rona ba nne

jaaka maotwana a sekhutlo

a a setilweng ka fa mokgweng

wa kago ya matlo a borena.

13A difala tsa rona di tlale,

go ntshiwe mefutafuta ya dijo

mo go tsona;

a difutshane tsa rona

di ate ga dikete,

di ntsifale ga dikete tse some

mo mafulong a rona.

14A dikgomo tsa rona di tsale

di se folotse

go se nne nyelelo le e seng go lelela

kotsi mo dipatlelong tsa rona.

15Go sego morafe o o dirafalelwang

ke tseo;

go tlhogonolo morafe

o Morena e leng Modimo wa ona!

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help