HOSEA 12 - Setswana 1970(TSW70)

Boikanyologo jwa Eferaime le Juta

1“Eferaime o ntikanyeditse ka maaka le ba ntlo ya Iseraele ka tsietso. Juta le ene o sa ntse a kgarakgatshega ka boitaolo fa pele ga Modimo, ee, fa pele ga Moitshepi yo o ikanyegang.

2Eferaime o ikanya phefo, o latela phefo e kgolo ya botlhabatsatsi. O tlhola a ntsifatsa maaka le kgatelelo. Ba dira kgolagano le Asiria, lookwane lo isiwa kwa Egepeto.”

3 Morena o na le kgang le Juta, o tla betsa Jakobe ka ntlha ya ditsela tsa gagwe, a mmusolosa ka fa ditirong tsa gagwe.

4Jakobe o ne a tshwara mogolowe mo seretheng a sa le mo mmeleng wa ga mmaagwe, a kampana le Modimo ka thata ya gagwe ya bonna.

5Ee, a kampana le moengele, a mo fenya a lela, a ba a mo rapela, a kopa boitshwarelo. O mo fitlhetse kwa Bethele, teng koo o buile le rona.

6Mme Morena, Modimo wa masomosomo, leina la gagwe le le tumileng ke Morena.

7Mme wena, boela Modimong wa gago, o dirise lorato le tshiamo, o solofele mo Modimong wa gago ka tlhomamo.

Mafoko a mangwe a katlholo

8Jakobe o na le sekale se se tsietsang, o rata go patika jaaka Kanana.

9Eferaime a re: “Ruri, ke humile, ke iponetse khumo; mo go tsotlhe tse ke di bapetseng ga go nke go fitlhelwa molato ope mo go tsona o e leng boleo.”

10“Mme nna ke Morena, Modimo wa gago, go tloga kwa lefatsheng la Egepeto. Ke tla go nnisa gape mo ditenteng jaaka mo malatsing a moletlo.

11“Ke buile le baporofeti, ka ntsifatsa dipono, ka bua ka ditshwantsho ka melomo ya baporofeti.

12Fa ba Gileate e le baikepi, ruri, ba tla latlhega; fa ba dira dipoo ditlhabelo mo Gilegala, dialetare tsa bone le tsona di tla fetoga mekoa ya matlapa mo meseleng ya tshimo.”

13Jakobe ene o kile a tshabela kwa nageng ya Siria, Iseraele a dira ka ntlha ya mosadi, a disa gore a bone mosadi.

14Mme Morena o ntshitse Baiseraele kwa Egepeto ka moporofeti, mme ba disiwa ke moporofeti.

15Eferaime o gakaditse Morena thata, mme Morena wa gagwe o tla digela melato ya polao ya gagwe mo go ene, a mmusolosetsa nyatso e o mo nyaditseng ka yona.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help