DIPESALEME 37 - Setswana 1970(TSW70)

Letlhogonolo la moikepi ga se la nnete

1Pesalome ya ga Dafita.

O se ka wa tlhodiega

ka ga badirabosula;

o se ka wa fufegele

ba ba dirang tse di sa siamang.

2Gonne ba omelela ka bonako

jaaka bojang;

ba swaba

jaaka matlhogela a matalana.

3Ikanye Morena,

o dire se se molemo;

aga mo lefatsheng, o ikanyege;

4o natefelwe ke Morena,

mme o tla go naya

dikeletso tsa pelo ya gago.

5Laolela Morena tsela ya gago,

o mo ikanye, ena o tla dirafatsa;

6o tla phatsimisa tshiamo ya gago

jaaka lesedi,

le tshiamelo ya gago

jaaka motshegare.

7Didimalela Morena, o mo lebelele.

O se ka wa ngongoregela yo o sego

mo tseleng ya gagwe,

le monna yo o dirafatsang maano

a boferefere.

8Lesa bogale, o tlogele kgakalo;

o se ka wa tuka bogale;

bo isa bosuleng.

9Gonne badirabosula

ba tla nyelediwa;

mme ba ba lebeletseng Morena

bona ba tla rua lefatshe.

10Go sa le sebakanyana fela

moikepi o tla ba a se yo;

fa o tlhokomela felo ga gagwe,

ga o kitla o mo fitlhela.

11Mme ba ba pelonomi

bona ba tla rua lefatshe,

ba natefelwa ke letlotlo la kagiso.

12Moikepi o logela mosiami maano,

a mo šenele meno.

13Morena o a mo tshega,

ka a bona

gore letsatsi la gagwe le a atamela.

14Baikepi ba somotse lerumo,

ba oba bora jwa bona go diga

motlalelwi le mohumanegi,

le go bolaya

ba motsamao o o lolameng.

15Marumo a bona a tla tlhaba dipelo

tsa bona ka bosi,

le mara a bona a tla rojwa.

16Bobotlana jwa mosiami bo gaisa

letlotlo la baikepi ba bantsi.

17Gonne mabogo a baikepi

a tla rojwa;

mme yo o tshegetsang basiami

ke Morena.

18 Morena o itse malatsi

a ba ba tlhamaletseng;

boswa jwa bona

bo tla nna ka bosakhutleng.

19Ga ba nke ba tlhajwa ke ditlhong

mo motlheng o o bosula;

mo malatsing a tlala ba tla kgora.

20Mme baikepi ba tla latlhega;

baba ba Morena ba ba ntseng

jaaka bontle jwa bofulo

ba nyeletse, ba fedile jaaka musi.

21Moikepi o a adima,

mme a se ke a buse;

mme mosiami ena o pelonomi,

o a fa.

22Gonne ba ba tshegofadiwang

ke ena ba tla rua lefatshe;

mme ba ba hutsiwang ke ena

bona ba tla nyelediwa.

23 Morena o tlhomamisa

dikgato tsa monna,

fa a kgatlhwa ke tsela ya gagwe.

24Le fa a ka wa, ga a wele ruri;

gonne Morena

o tshwere seatla sa gagwe.

25Ke ne ke le lekau,

mme jaanong ke tsofetse.

Mme ga ke ise nke ke bone

mosiami a tlogetswe,

le fa e le bana ba gagwe

ba kopa dijo.

26O tlhola a atswa,

a adima ka metlha yotlhe,

mme losika lwa gagwe

lo tshegofale.

27Thibogela bosula, o dire molemo,

mme o tla aga ka bosakhutleng;

28gonne Morena o rata tshiamo;

ga a tlogele baitshepi ba gagwe,

mme ba bolokwa ka bosakhutleng.

Losika lwa badirabosula

lo a nyelediwa.

29Basiami ba tla rua lefatshe,

ba agela ruri mo go lone.

30Molomo wa mosiami

o bolela tsa botlhale;

loleme lwa gagwe

lo bua se se siameng.

31Molao wa Modimo wa gagwe

o mo pelong ya gagwe;

dikgato tsa gagwe ga di theekele.

32Moikepi o laletse mosiami,

o batla go mmolaya.

33Mme Morena ga a mo leseletse

go wela mo seatleng sa gagwe,

le e seng go mmona molato,

fa a sekisiwa ke moikepi.

34Lebelela Morena,

o tshware tsela ya gagwe,

mme o tla go godisa

gore o rue lefatshe.

O tla bona ka kgatlhego,

fa baikepi ba nyelediwa.

35Ke bonye moikepi wa mogateledi;

a nama jaaka setlhare se setala

sa naga.

36E rile ke feta gape, a bo a se yo;

ya re ke mmatla, a se ka a bonala.

37Ela modumedi tlhoko,

o lebe mosiami;

gonne motho wa kagiso

o na le botswelelopele.

38Mme batlodi bona

ba tla senngwa mmogo;

botswelelopele jwa baikepi

bo tla nyelediwa.

39Thuso ya basiami

e tswa go Morena;

ke ena botshabelo jwa bona

mo motlheng wa tlalelo.

40 Morena o a thusa, a ba namolele;

o ba namolela mo baikeping,

a ba pholose, ka ba mo ikanya.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help