JESAYA 26 - Setswana 1970(TSW70)

Go bakwa Modimo o e leng Moatlhodi le Mopholosi

1Mo metlheng eo go tla opelwa sefela mo lefatsheng la Juta se se reng:

Re na le motse o o thata.

Morena o beile pholoso

gore e nne dithako le phemelo.

2Bulang dikgoro

gore go tsene setšhaba

se se siameng

se se bolokang boikanyo.

3Yo o pelo e tlhomameng,

ò tla mmoloka mo kagisong,

gonne o a go ikanya.

4Ikanyeng Morena ka gale,

gonne Morena ke lefika

la bosakhutleng.

5Ee, o folositse

ba ba agileng kwa godimo,

eleng motse o o mo kokamong,

a o diga, a o digela fa fatshe,

a o usetsa mo leroleng

6gore o gatakwe ka maoto,

ka maoto a babogisegi,

ka dikgato

tsa ba ba sa tlotlegeng.

7Tsela ya mosiami e mo lebaleng;

ò tla baakanyetsa mosiami

tselana e e tlhamaletseng.

8 Morena, re go lebeletse le mo

ditseleng tsa dikatlholo tsa gago;

mewa ya rona e tlhologeletswe

leina la gago le tumiso ya gago.

9Ke go tlhologeletswe bosigo

ka pelo ya me,

ee, ke go batla ka mowa

o o mo teng ga me.

Gonne fa dipetso tsa gago

di tla mo lefatsheng,

baagi ba lefatshe

ba ka ithuta tshiamo.

10Mme fa moikepi a itshwarelwa,

ga a ithute tshiamo;

o tla siamolola

mo lefatsheng la tshiamo,

a sa bone bogolo jwa Morena.

11 Morena,

fa letsogo la gago le tsholeditswe,

ga ba le bone.

E tla re o tlhoafalela morafe,

ba le bone,

ba tlhajwe ke ditlhong;

le gona molelo o o fisang

baba ba gago o tla ba nyeletsa.

12 Morena, ò tla re direla kagiso,

gonne ditiro tsotlhe tsa rona

le tsona ò di re feleditse.

13 Morena, Modimo wa rona,

barena ba bangwe ba ne

ba re busa kwa ntle ga gago,

mme rona re boka leina la gago

le le losi fela.

14Baswi ba bone

ga ba nke ba phela;

ba ba suleng ga ba nke ba rula.

Ka moo o ba beditse,

wa ba nyeletsa jalo,

wa fedisa

go ba gakologelwa gotlhe.

15O atisitse setšhaba, Morena,

o atisitse setšhaba;

o ikgalaleditse, o katositse

melelwane yotlhe ya lefatshe.

16 Morena, ba ne ba go batla

ba le mo tlalelong;

ya re o ba otla,

ba rapela ba le mo pitlaganong.

17Mosadi yo moimana,

yo o gaufi le go belega,

o segwa ke metlotsedi,

o lela mo matlhokong a gagwe.

Le rona re ne re ntse jalo

fa pele ga gago, Morena.

18Re ne re le baimana,

ra segwa ke metlotsedi,

mme ya re re belega,

ya bo e le phefo fela,

mme re sa direle lefatshe

thuso epe;

baagi ba lefatshe ba sa tsalwe.

19Mme baswi ba gago ba tla phela,

ditoto tsa me di tla tsoga.

Ba ba agileng mo leroleng

ba tla rula, ba duduetsa.

Gonne monyo wa gago

ke monyo wa masedi,

mme lefatshe le tla ntshetsa

baswi mo bophelong.

Katlholo le tsoso

20Morafe wa me, yaang lo tsene mo matlwaneng a lona, lo tswale ditswalo tsa lona fa morago ga lona, lo iphitlhe nakonyana, go tsamaya kgalefo e be e fete.

21Gonne bonang, Morena o tla akofa a tswa mo felong ga gagwe gore a beletse baagi ba lefatshe boikepo jwa bone. Foo lefatshe le tla bipolola madi a a mo go lone, le sa tlhole le bipa ba ba bolaetsweng mo go lone.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help