JOBE 4 - Setswana 1970(TSW70)

Puisanyo ya ntlha(Jobe 4:1 – 14:22)Go bua Elifase

1Ke fa Elifase wa Themane a fetola a re:

2“A fa motho a leka

go bua le wena,

o tla kgopisega?

Fela ke mang yo o ka kgonang

go ithiba go bua?

3Kana ke wena

o rutileng ba bantsi,

wa tiisa diatla tse di repileng.

4Yo o kgopiwang,

mafoko a gago a mo tsositse,

wa nonotsha mangole

a a kgwetlhang.

5Mme fa jaanong di wela wena,

o nyema moko;

fa di ama wena, o a tshoga.

6Poifo-Modimo ya gago

a ga o e ikanye?

Tsamao ya gago e e siameng

a ga o e solofele?

7A ko o akanye: Ke mang yo

o latlhegileng a se na molato?

Ke bafe basiami

ba ba nyeleditsweng?

8Ka fa ke bonyeng ka teng:

Ba ba lemang boikepo

le ba ba jwalang tatlhego

ba roba tsona tseo.

9Ba latlhega ka pudulo

ya Modimo;

ba felelela ka phefo

ya bogale jwa ona.

10Go duma ga tau le go rora

ga tawana go a khutla;

meno a ditawana a robegile.

11Tau e kgolo e a swa,

fa e se na thopo;

bana ba tau e namagadi

ba a phatlalala.

12Lefoko le ntletse sephiring;

tsebe ya me ya utlwa

go sebasebelwa ga lone.

13E rile ke akanya

dipono tsa bosigo,

fa batho ba tshwerwe ke boroko

jo bogolo,

14therego ya nkwela le go tetesela,

ya roromisa marapo a me otlhe.

15Ke fa mowa o feta fa pele ga me,

mmele wa me wa tlhonya.

16Wa ba wa ema,

ke sa lemoge ponalo ya ona,

mme e le sebopego sa mongwe

yo o fa pele ga me;

ka utlwa go sebaseba ga lentswe

le le reng:

17‘A motho o siame

fa pele ga Modimo?

Gongwe a monna o itshekile

fa pele ga Mmopi wa gagwe?

18Bonang, ga o ikanye

batlhanka ba ona;

baengele ba ona

o ba tshwaya phoso.

19Bogolo jang bone ba ba agileng

mo matlong a letsopa,

ba tlholego ya bone

e leng mo loroleng,

ba ba pšhwetlwang

jaaka motoutwana?

20Le tlhaba ba le gona,

le phirima ba remagantswe;

ba latlhega ka bosakhutleng,

ba sa tlhokomelwe ke ope.

21A ga ke re, fa dimapo

tsa tente ya bone di somolwa,

ba a swa, ba se na botlhale?’

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help