JOBE 13 - Setswana 1970(TSW70)

1“Ruri, tsotlhe tseo

matlho a me a di bonye,

ditsebe tsa me tsa di utlwa,

tsa di tlhaloganya.

2Le nna ke di itse jaaka lona,

mme ga lo mphale.

3Mme nna ke rata go bua

le Mong-wa-thata-yotlhe;

ke eletsa go sekisanya

le Modimo.

4Lona lo babipi ba maaka,

lotlhe lo dingaka

tse e seng tsona.

5Ao! Fa lo ka bo lo didimala,

lo ka bo lo kaiwa batlhalefi.

6Utlwang tlhe boikarabelo

jwa me,

lo tlhokomele go itwela

ga molomo wa me.

7A lo a re, lo direla Modimo

ka go bua tse di sokameng?

A lo o emela

ka go bua tsa tsietso?

8Gongwe a lo goga le ona?

Kampo a lo a re,

lo lwela Modimo?

9A lo tla tswa sentle,

fa o lo sekisa?

A lo a re, lo ka o tsietsa

jaaka go tsiediwa motho?

10Nnyaya! O tla lo otla ruri,

fa lo gobelelela mongwe

mo sephiring.

11Bogolo jwa ona a ga bo kitla

bo lo wela?

Poitshego ya ona a ga e kitla

e lo tshosa?

12Tse lo di nkgakololang ke diane

tsa molora;

mabaka a lona ke mabaka

a letsopa fela.

13Didimalang, lo nte ke bue,

le fa ke dirafalelwa ke eng!

14Ke leka go ipoloka

ka go itsenya mo kotsing.

15Bonang, o ka mpolaya,

ga ke na tsholofelo;

fela ditsela tsa me

ke tla di ikarabela fa pele ga ona.

16Le gona moo

e tla nna pholoso ya me;

gonne molotsana ga a tle

fa pele ga ona.

17Utlwang mafoko a me sentle,

a tlhaloso ya me

e lo tsene ditsebeng!

18Bonang tlhe,

ke rulagantse mafoko a tsheko;

ke a itse,

fa ke tla tswa ke se na molato.

19Ke mang

yo o ka mponang molato?

Gonne fa a ka nna teng,

ke tla didimala, ke swa.

20Fela dilo di le pedi se di ntirele;

foo ga nkitla ke iphitlha

fa pele ga gago:

21Ka re: A seatla sa gago

se se ka sa nkimela!

A theregiso ya gago

e se ka ya ntshosa!

22Ke gona o ka ntshekisang,

ke tla araba;

gongwe ke tla bua,

mme o mphetole!

23Ke na le ditshiamololo

le dibe di le kae?

Nkitsise tlolo ya me

le boleo jwa me!

24O fitlhelang sefatlhego sa gago?

O nkaya mmaba wa gago

ka lebaka la eng?

25A o a re, o tshosa letlhare

le le fokwang ke phefo?

A o latelela dirite

tse di omeletseng?

26Mo o mpolaisang tse di galakang,

o nthwesa dibe

tsa bokau jwa me;

27mo dinao tsa me

o di bofelelang mo koteng,

o tlhola tsela tsotlhe tsa me;

mo o nthalelang mothalo

mo tikologong ya pato

tsa dinao tsa me

28ke le yo o nyelelang

jaaka tse di bodileng

le jaaka seaparo

se se jewang ke motoutwana.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help