JOBE 23 - Setswana 1970(TSW70)

Jobe o a araba

1Ke fa Jobe a fetola a re:

2“Le kajeno selelo sa me

se a lo ganetsa;

seatla sa ona se a nkimela,

ke be ke fegelwe.

3Ao! Nka bo ke itse

kwa nka o fitlhelang teng,

gore ke eme

fa pele ga sedulo sa ona!

4Nka bo ke phutholola mafoko

a a siameng fa pele ga ona;

ke tlatsa molomo wa me

maitlhatso.

5Ke ne ke tla itse mafoko

a o mphetolang ka ona

le go tlhaloganya

tse o di buang le nna.

6A o ka bo o seka le nna

ka thata e kgolo?

Nnyaya! O ka bo o utlwana le nna.

7Gona monna wa nnete

o ka bo a seka nao,

mme ke ne ke tla gololwa

mo go Moatlhodi wa me

ka bosakhutleng.

8Bonang, fa ke ya

kwa botlhabatsatsi,

ga a teng;

le kwa bophirimatsatsi

ga ke mmone.

9Fa a le mo tirong kwa bokone,

ga ke mo fitlhele;

fa a fapogela kwa borwa,

ga ke mo lemoge.

10Gonne Modimo

o itse tsamao ya me;

fa o ka nteka,

ke tla tswa jaaka gouta.

11Lonao lwa me lo ntse lo gatile

mo motlhaleng wa ona;

ke ntse ke tshwere tsela ya ona,

ke sa e fapoge.

12Ga ke a tlogela taolo

ya molomo wa ona;

mafoko a molomo wa ona

ke a bolokile

bogolo go maikaelelo a me.

13Mme ona ga o fetoge;

ke mang yo o ka o thibelang?

Se pelo ya ona e se ratang

o a se dira!

14Gonne o tla dirafatsa

se o se mpeetseng.

Dilo tse di ntseng jalo

di dintsi mo go ona.

15Ke ka moo ke tshogileng

fa pele ga ona;

fa ke di akanya, ke a o boifa.

16Modimo o nkoafaditse pelo;

Mong-wa-thata-yotlhe

o ntshositse.

17Gonne ga se lefifi

le le mpolayang,

le fa bontsho

bo mpipile sefatlhego.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help