HABAKUKE 2 - Setswana 1970(TSW70)

Karabo ya Morena

1Ke tla ema mo seraleng sa me, ke ikemisa mo loboteng, ke tlhole gore ke utlwe se o tla se buang le nna, le se o tla arabang ngongorego ya me ka sona.

2Mme Morena a mphetola a re: “Kwala pono, ò e gwae mo matlapeng gore motho a itse go buisa ditlhaka sentle a ntse a feta.

3Gonne pono e sa ntse e emetse sebaka se se laotsweng, mme e itlhaganelela kwa bofelong; ga e ka ke ya swabisa ope. E re fa e diega, ò e lete. Gonne e tla dirafala ka nnete, e sa thibelwe ke sepe.

4Bonang, mowa wa gagwe o gogomogile, ga o a tlhamalala mo go ene! Mme mosiami o tla phela ka tumelo ya gagwe.”

Tatlhego ya baikepi

5Gape weine ke motsietsi; monna yo o ikgantshang ga a na boikhutso; o atlhamisitse legano jaaka felo ga baswi; o tshwana le loso, ga a kgore. O iphuthela ditšhaba tsotlhe, o ikgobokanyetsa merafe yotlhe.

6Botlhe ba, a ga ba kitla ba mo sotla ka mafoko le dipina le dinyoba ba re: “A tatlhego wee ya yo o ikhumisang ka tse e seng tsa gagwe! – Go fitlha leng? – yo o ikimetsang ka dipeelelo!”

7A ba ò ba gapetseng ga ba nke ba go tsogela ka tshoganyetso? A ga ba nke ba thanya go go pitlaganya gore ò nne thopo ya bone?

8E re ka wena ò thukhuthile ditšhaba tse dintsi, masalela otlhe a merafe a tla go thukhutha ka ntlha ya go tsholola madi a batho le ka ntlha ya go gatelela lefatshe le motse le botlhe ba ba agileng mo go ona.

9A tatlhego wee ya yo o bapalelang ntlo ya gagwe khumo ka tsietso gore a ikagele sentlhaga kwa godimo go ipoloka gore tatlhego e se mo wele.

10O logetse ntlo ya gago maano a ditlhong, ò re ò nyeletsa merafe e mentsi, ò ntse ò itshenyetsa bophelo ka wesi.

11Gonne letlapa le tla goa le le mo loboteng, mme kota e tla le araba e le mo ditlhomesong.

12A tatlhego wee ya yo o agang motse ka go tsholola madi, yo o thayang motse o o femetsweng ka tshiamololo.

13Bonang, a ga go tswe mo Moreneng wa masomosomo, fa merafe e itirela se se jewang ke molelo, fa ditšhaba di itapisetsa dilo tsa lefelafela?

14Gonne lefatshe le tla tlala kitso ya kgalalelo ya Morena jaaka metsi a khurumetsa lewatle.

15A tatlhego wee ya yo o nosang bangwe-ka-ene seno; a tlhakanya kgakalo ya gagwe le sona, le gona a ba tagisa gore a tle a bone bosaikatega jwa bone.

16Ò kgotshe nyatsego boemong jwa tlotlo. Nwaa le wena, ò ikapole! Senwelo se se mo letsogong le le jang la Morena se tla dikologela kwa go wena gore tlotlo ya gago e fetoge nyatsego.

17Gonne tshenyo e e dirilweng kwa Lebanone le tshenyo e e tshositseng diphologolo e tla go khurumetsa ka ntlha ya go tsholola madi a batho le ka ntlha ya go gatelela lefatshe le motse le botlhe ba ba agileng mo go ona.

18Setshwantsho se se setilweng se thusa eng, fa modiri wa sona a se betlile? Le setshwantsho se se bopilweng, se e leng moruti wa maaka, se thusa eng, fa modiri wa sona a se ikanya ka go dira medimo e e dimumu?

19A tatlhego wee ya yo o rayang kota a re: “Tsoga!” le letlapa le le semumu a re: “Thanya!” A lone le ka ruta motho? Bonang, lone le manegilwe gouta le selefera, mme ga go na mowa ope mo teng ga lone.

20Mme Morena o mo Tempeleng ya gagwe e e Boitshepo! – A go didimale lefatshe lotlhe fa pele ga gagwe!

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help