1 Morena o ne a tshegofatsa Sara jaaka a buile; Morena a direla Sara, ka fa a mo solofeditseng ka teng.
2Sara a nna moimana, a belegela Aborahame ngwana wa mosimane mo botsofeng jwa gagwe ka nako e Modimo o neng o e mmoleletse.
3Morwawe yo a mo tsaletsweng, yo Sara a mo mmelegetseng, Aborahame a mo taya leina la Isaka.
4Aborahame a ba a rupisa Isaka morwawe a le malatsi a a robedi, jaaka Modimo o mo laetse.
5Aborahame o ne a le dinyaga di le lekgolo, fa go tsalwa Isaka morwawe.
6Sara ene a re: “Modimo o ntiretse setshego; mongwe le mongwe yo o utlwang o tla ntshega.”
7A ba a re: “Ke mang yo o neng a ka raya Aborahame a re: ‘Sara o tla amusa bana’? Gonne ke mmelegetse morwa a ntse a tsofetse.”
8Ngwana ene a gola, a ba a kgwisiwa. Aborahame a dira moletlo o mogolo ka letsatsi le Isaka o kgwisitsweng ka lone.
Hagare le Isemaele ba a lelekwa9Jaanong ya re Sara a bona morwa Hagare wa Moegepeto yo a mmelegetseng Aborahame, a tshega,
10a raya Aborahame a re: “Leleka lelata le, le morwaa-lona! Gonne morwa lelata le ga a tshwanela go ja boswa le Isaka morwaake.”
11Lefoko leo la kgopisa Aborahame ka ntlha ya ga morwawe Isemaele.
12Mme Modimo wa raya Aborahame wa re: “Se kgopisege ka ntlha ya mosimane le ka ntlha ya lelata la gago. Utlwa lentswe la ga Sara mo go tsotlhe tse o di buang nao; gonne losika lwa gago lo tla bidiwa ka Isaka.
13Fela le morwa lelata ke tla mo dira setšhaba se segolo, ka gonne ke ngwana wa gago.”
14Ke fa Aborahame a phakela mo mosong, a tsaya senkgwe le lekuka la metsi, a di naya Hagare, a di baya mo legetleng la gagwe, le ngwana, a mo naya tsela. Hagare a tsamaya, a kgarakgatshega mo sekakeng sa Bereseba.
15Ya re metsi a sena go fela mo lekukeng a latlhela ngwana fa tlase ga sengwe sa ditlhatshana,
16a tloga, a nna fatshe a lebagana nae a le kgakalanyana, fa bora bo ka hulang go fitlha teng, gonne a re: “Ke palelwa ke go leba ngwana a swa.” A nna jalo a lebaganye nae. Ngwana a tlhatlosa lentswe, a lela.
17Modimo wa utlwa lentswe la mosimane. Moengele wa Modimo a bitsa Hagare a le kwa legodimong, a mo raya a re: “Molato ke eng, Hagare? Se boife, gonne Modimo o utlwile lentswe la mosimane fa a leng teng.
18Nanoga o tsee mosimane, o mo tshware ka letsogo, gonne ke tla mo dira setšhaba se segolo.”
19Ke fa Modimo o mmudulola matlho, a bona sediba sa metsi, a ya a tlatsa metsi mo lekukeng, a nosa mosimane.
20Modimo wa nna le mosimane, a gola, a nna mo sekakeng, a tswa mohulabora.
21A nna mo sekakeng sa Pharane; mmaagwe a mmatlela mosadi kwa lefatsheng la Egepeto.
Kgolagano ya ga Aborahame le Abimelege22Ka sebaka sona se Abimelege o ne a bua le Aborahame, a na le Phigolo, molaodi wa mephato ya gagwe, a re: “Modimo o na nao mo go tsotlhe tse o di dirang.
23Jaanong ge, inkanele fano ka Modimo, fa o se kitla o ntirela ka boikanyologo, le fa e le banake gongwe bana ba banake; mme lorato lo ke go diretseng ka lone, le nna o ntirele ka lone mmogo le lefatshe le o fudisang mo go lone.”
24Aborahame a re: “Ke tla ikana jalo.”
25Fela Aborahame a kgalemela Abimelege ka ntlha ya sediba sa metsi se batlhanka ba ga Abimelege ba se mo amogileng ka thata.
26Abimelege a araba a re: “Ga ke itse gore ke mang yo o dirileng jalo; le gona ga o a ka wa mpegela; le gona ke simolola go utlwa kajeno.”
27Ke fa Aborahame a ntsha dinku le dikgomo, a di naya Abimelege; ba babedi bao ba dira kgolagano jalo.
28Mme Aborahame a beela dikwana tse supa tsa letsomane fa thoko.
29Ke fa Abimelege a botsa Aborahame a re: “Dikwana tse supa tseo tse o di tlhaotseng di le nosi ke tsa eng?”
30Aborahame a re: “Ke go re o amogele dikwana tse supa tseo mo seatleng sa me gore e nne sesupo sa me sa go re ke epile sediba seo.”
31Ke ka moo felo foo go biditsweng Bereseba; gonne ba ikanne teng ka bobedi jwa bone.
32Ba ne ba dira kgolagano jalo kwa Bereseba. Morago ga moo Abimelege a nanoga, a na le Phigolo, molaodi wa mephato ya gagwe, ba boela kwa lefatsheng la Bafelesita.
33Aborahame a tlhoma setlhare sa motamariseka kwa Bereseba; teng koo a bitsa leina la Morena Modimo o o sa khutleng.
34Aborahame a nna sebaka se seleele mo lefatsheng la Bafelesita e le moeng.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.