BAHEBERE 1 - Setswana 1970(TSW70)

Keresete o feta baengele kgakala

1E rile Modimo o sena go bua gantsi le ka mekgwa e mentsi le borraetsho ka baporofeti mo metlheng ya bogologolo,

2wa bua le rona mo bofelong jwa malatsi ano ka Morwaa-ona yo o mmeileng morua-boswa wa dilo tsotlhe, yo e bileng o dirile mafatshe ka ene.

3Ke ene marang a kgalalelo ya ona le setshwano sa bodimo jwa ona, o tshegeditse dilo tsotlhe ka lefoko la thata ya gagwe; ya re a sena go dira phepafatso ya dibe, a nna ka fa letsogong le le jang la Borena kwa magodimong,

4a nna mogolo go feta baengele, jaaka a filwe boswa jwa leina le legolo bogolo go maina a bone.

5Gonne ke ofe wa baengele yo o kileng wa mo raya wa re:

“O Morwaake,

ke go tsetse kajeno”?

Wa ba wa re:

“Ke tla nna rraagwe,

mme ene

o tla nna Morwaake”?

6Mme e tla re o tsisa Motsalwapele gape mo lefatsheng, o laele o re:

“Baengele botlhe ba Modimo

ba tshwanetse go mo obamela.”

7Fa e le ka ga baengele, o buile wa re:

“O dira baengele ba ona

diphefo le badiredi ba ona

dikgabo tsa molelo.”

8Mme o raya Morwa o a re:

“Modimo, sedulo sa bogosi

sa gago ke sa bosakhutleng;

thobane ya bogosi jwa gago

ke thobane ya tshiamo.

9O ne o rata tshiamo,

mme o tlhoa tshiamololo;

ke gona ka moo, Modimo,

Modimo wa gago

o go tloditseng lookwane

lwa boitumelo

go gaisa balekane ba gago.”

10Gape wa re:

“Wena Morena, o theile

lefatshe mo tshimologong,

magodimo ke ditiro

tsa diatla tsa gago.

11Tseo di tla nyelela,

mme wena o nnetse ruri,

mme tsona tsotlhe di tla onala

jaaka seaparo.

12O tla di mena jaaka kobo,

jaaka seaparo,

di tla fetolwa, mme wena

o ntse o le yo o leng ene;

dinyaga tsa gago

ga di nke di khutla.”

13Mme ke ofe wa baengele yo o kileng wa mo raya wa re:

“Dula ka fa letsogong la me

le le jang,

ke tle ke tsamae ke dire

baba ba gago

sebeo sa dinao tsa gago”?

14Bone botlhe a ga se mewa e e direlang, e e romelwang tirelong ka ntlha ya ba ba tla ruang pholoso boswa?

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help