DIPESALEME 89 - Setswana 1970(TSW70)

Ditshegofatso tse, Modimo o di solofeditse Dafita

1Sefela sa thuto sa ga Ethane, oora Esera.

2Ke tla opela bopelotlhomogi

jwa Morena ka bosakhutleng;

ke tla itsise losika longwe le longwe

boikanyo jwa gago

ka molomo wa me.

3Gonne o rile:

“Bopelontle bo tla tlhomama

ka bosakhutleng;

boikanyo jwa me

ke bo thaile kwa legodimong.

4Ke dirile kgolagano

le moitlhaolelwi wa me,

ke ikanetse Dafita,

motlhanka wa me, ka re:

5‘Ke tla tlhomamisa losika lwa gago

go ya kwa go sa khutleng,

ke agela ditshika tsotlhe

sedulo sa gago sa bogosi.’ ” Sela.

6Magodimo a tla boka

kgakgamatso ya gago,

Morena, le boikanyo jwa gago

bo bakwa

mo phuthegong ya baitshepi.

7Gonne ke mang yo o lekanang

le Morena kwa marung,

yo o tshwanang le Morena

mo go bomorwa Modimo?

8Modimo o boifega

mo kopanong ya baitshepi;

o mogolo, o bile o boitshega

go feta botlhe

ba ba o dikanyeditseng.

9 Morena,

Modimo wa masomosomo,

ke mang yo o tshwanang nao?

Morena, o thata,

boikanyo jwa gago

bo mo tikologong ya gago.

10Wena o laola

boikgogomoso jwa lewatle;

e re fa makhubu a lone

a tsholetsega,

wena o a didimatse.

11O tšhwetlakantse Rahabe

jaaka yo o tlhabilweng;

o phatlaladitse baba ba gago

ka letsogo le le thata la gago.

12Magodimo ke a gago

le lefatshe ke la gago;

lefatshe le tse di tletseng mo go lone

wena o di thaile tsotlhe.

13Bokone le borwa o di tlhodile;

Thabore le Heremone

di dudueletsa leina la gago.

14O na le letsogo la bonatla,

seatla sa gago se thata,

letsogo le le jang la gago

le tsholetsegile.

15Tshiamo le molao ke motheo

wa sedulo sa gago sa bogosi;

bopelonomi le boammaaruri

di etelela sefatlhego sa gago pele.

16Go sego morafe

o o itseng go duduetsa,

o o tsamayang mo leseding

la sefatlhego sa gago, Morena.

17Ba ipelela leina la gago ka metlha,

ba godisiwa ka tshiamo ya gago.

18Gonne wena

o mokgabo wa thata ya bona,

o tsholetsa lonaka lwa rona

ka bopelonomi jwa gago.

19Gonne thebe ya rona

ke ya Morena,

kgosi ya rona

ke ya Moitshepi wa Iseraele.

20Ka motlha oo, o ne wa bua

le baitshepi ba gago ka pono wa re:

“Ke neetse mogale thuso,

ke godisitse yo o tlhaotsweng

mo morafeng.

21Ke bonye Dafita,

motlhanka wa me,

ka mo tlotsa lookwane lwa me

lo lo boitshepo,

22yo seatla sa me

se tla nnang le ena ka gale,

yo letsogo la me le tla mo tiisang.

23Mmaba ga a ka ke a mo tlhasela,

le e seng rra-bosula go mo patika.

24Ke tla remaganya baganetsi

ba gagwe fa pele ga gagwe,

ke bolaya ba ba mo tlhoileng.

25Mme boikanyo jwa me

le bopelonomi jwa me

di tla nna nae,

lonaka lwa gagwe

lo tla tsholetsegela godimo

ka leina la me.

26Ke baya seatla sa gagwe

mo lewatleng,

le letsogo la gagwe le le jang

mo dinokeng.

27O tla nthaya a re:

‘Wena o rre, o Modimo wa me,

o lefika la thuso ya me.’

28Le gona ke tla mo dira

motsalwapele le yo mogolo

mo dikgosing tsa lefatshe.

29Ke tla mmolokela bopelotlhomogi

jwa me ka bosakhutleng,

mme kgolagano ya me

e tla mo tlhomamela.

30Ke tla dira gore losika lwa gagwe

e nne lo lo sa khutleng,

le sebaka sa sedulo sa gagwe

sa bogosi

se lekane le malatsi a legodimo.

31Mme e tla re fa bomorwawe

ba tlogela molao wa me,

ba sa tsamae

mo go tse di ntshiametseng,

32fa ba itshepolola ditaelo tsa me,

ba sa tlhokomele ditao tsa me,

33ke ba beletse ditlolo tsa bona

ka thupa

le melato ya bona ka dipetso.

34Le fa go ntse jalo

bopelotlhomogi jwa me

ga nkitla ke bo tlosa mo go ene,

le e seng go mo senyetsa

boikanyo jwa me.

35Ga nke ke itshepolola

kgolagano ya me,

le e seng go fetola

se se duleng mo molomong wa me.

36Ke ikanne gangwe fela

ka boitshepo jwa me

– ga ke ne ke aketsa Dafita! –

37Ka re: ‘Losika lwa gagwe

lo tla nnela ruri,

le sedulo sa gagwe sa bogosi

jaaka letsatsi fa pele ga me.

38O tla tlhomama ka bosakhutleng

jaaka ngwedi.

Kana mosupi yo o mo legodimong

o boikanyo.’ ” Sela.

39Mme wena o latlhile

motlodiwa wa gago,

wa mo nyatsa, wa mo galefela.

40O sentse kgolagano

e o e dirileng le motlhanka wa gago,

wa itshepolola serwalo sa gagwe

sa bogosi

ka go se latlhela fa fatshe.

41O thubile dipota tsotlhe tsa gagwe,

dikago tsa phemelo tsa gagwe

wa di ntsha marope.

42Botlhe ba ba neng ba feta ka tsela

ba ne ba mo thukhutha dilo,

a sotlega mo go ba ba agileng nae.

43O godisitse mabogo a a jang

a baganetsi ba gagwe,

wa itumedisa baba botlhe

ba gagwe.

44O titinne bogale

jwa tšhaka ya gagwe,

wa se ka wa mo natlafatsa

mo tlhabanong.

45O fifaditse kgalalelo ya gagwe,

wa digela sedulo sa gagwe

sa bogosi fa fatshe.

46O khutshwafaditse malatsi

a bokau jwa gagwe,

wa mo jesa ditlhong. Sela.

47 Morena,

o tla iphitlha goleele go le kae?

A bogale jwa gago

bo tla tuka jaaka molelo?

48Gopola tlhe gore bophelo ke eng?

A batho botlhe o ba bopetse

lefela?

49Motho ke mang yo o ka phelang,

a sa bone loso,

mme a golola mowa wa gagwe

mo thateng ya felo ga baswi? Sela.

50 Morena, mapelotlhomogi a gago

a pele a kae,

a o ikanetseng Dafita

ka fa boikanyong jwa gago?

51Morena, gopola tshotlego

ya badiredi ba gago

e ke e rweleng ka sehuba sa me

e tswa merafeng yotlhe e megolo,

52e baba ba gago, Morena,

ba sotlileng ka yona,

e ba sotlileng dikgato

tsa motlodiwa wa gago ka yona.

53A Morena a bakwe

ka bosakhutleng.

Amen, ee, a go nne jalo!

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help