ESETERE 5 - Setswana 1970(TSW70)

Esetere o direla kgosi le Hamane mokete

1Ka letsatsi la boraro Esetere a apara diaparo tsa bohumagadi, a ya a ema mo lapeng la ka fa teng la ntlo ya kgosi fa go lebanyeng le ntlo ya kgosi, mme kgosi ya bo e dutse mo sedulong sa yona sa bogosi mo ntlong ya bogosi go lebagana le mojako wa ntlo.

2Jaanong ya re kgosi e bona Esetere mohumagadi a eme mo lapeng, ya mmontsha bopelotlhomogi, ya ba ya mo otlololela thobane ya bogosi ya gouta e e neng e e tshotse; ke fa Esetere a atamela, a ama ntlha ya thobane ya bogosi.

3Mme kgosi ya mmotsa ya re: “O ne o reng, Esetere mohumagadi? O kopang? Le fa e ka nna bontlhanngwe jwa puso, o tla bo newa.”

4Esetere a araba a re: “Fa go siametse kgosi, a kgosi e tle le Hamane kajeno kwa moletlong o ke o e diretseng.”

5Mme kgosi ya re: “Bitsang Hamane, a tle ka pele gore re dire ka fa lefokong la ga Esetere.” Kgosi ya tla jalo e na le Hamane kwa moletlong o Esetere o neng a o dirile.

6Jaanong ya re ba le moletlong wa go nwa weine, kgosi ya botsa Esetere gape ya re: “Se o se kopang ke eng? O tla se newa. Se o se batlang ke eng? Le fa se ka lekana le bontlhanngwe jwa puso, o tla se direlwa.”

7Ke fa Esetere a araba a re: “Kopo le keletso ya me ke tse:

8Fa ke bonye bopelotlhomogi mo matlhong a kgosi, fa go kgatlha kgosi go nnaya se ke se kopang le go dirafatsa keletso ya me, a kgosi e tle le Hamane kwa moletlong o ke tla o ba direlang le kamoso; mme kamoso ke tla bolela kopo ya me ka fa lefokong la kgosi.”

9Ka letsatsi leo Hamane a tswa a itumetse a le pelotshweu; mme ya re Hamane a bona Moretogai mo kgorong ya kgosi, a sa nanoge, a sa mo tshoge, Hamane a betwa ke pelo ka ntlha ya ga Moretogai.

Hamane o ikaelela go pega Moretogai mo koteng

10Fela Hamane a itshwara, mme ya re a tsena mo ntlong ya gagwe, a roma motho go ya go bitsa ditsala tsa gagwe le Serese, mosadi wa gagwe.

11Hamane a ba a ba bolelela ka ga kgalalelo ya khumo ya gagwe le bontsi jwa bomorwawe le tsotlhe tse kgosi e mo godisitseng ka tsona le ka fa e mo dirileng yo mogolo ka teng bogolo go dikgosana le batlhanka ba kgosi.

12Hamane a ba a re: “Le mohumagadi Esetere ga a ka a laletsa ope le kgosi go tla moletlong o a neng a o dirile fa e se nna. Mme le kamoso o ntaleditse mmogo le kgosi.

13Mme tsotlhe tseo ga di ise di ntekane, fa ke sa ntse ke bona Moretogai wa Mojuta a dutse mo kgorong ya kgosi.”

14Ke fa Serese, mosadi wa gagwe, le ditsala tsotlhe tsa gagwe ba mo raya ba re: “A go tlhongwe kota e telele ya mabogo a le 50, mme ka mmamoso o ree kgosi gore ba pege Moretogai mo go yona. Foo o tla itse go ya le kgosi kwa moletlong o thabile.” Lefoko leo la kgatlha Hamane, a tlhoma kota eo.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help