DOITERONOMIO 26 - Setswana 1970(TSW70)

Ka ga mabutswapele le dikarolo tsa some tsa ngwaga wa boraro

1“E re o sena go tsena kwa lefatsheng le Morena, Modimo wa gago, o tla le go nayang go nna boswa, mme o sena go le rua le go nna mo go lone,

2o tsee mabutswapele mangwe a maungo otlhe a masimo, a o tla a kotulang mo lefatsheng la gago le Morena, Modimo wa gago, o tla le go nayang, o a tsenye mo serotong, o ye kwa felong fa Morena, Modimo wa gago, o tla go tlhophang go baya leina la gagwe teng,

3o ye kwa go moperesiti yo o tla bong a le teng ka metlha eo, o mo ree o re: ‘Kajeno ke begela Morena, Modimo wa me, gore ke gorogile mo lefatsheng le Morena a le ikanetseng borraetsho go le re naya.’

4“Jaanong a moperesiti a tsee seroto mo seatleng sa gago, a se bee fa pele ga aletare ya Morena, Modimo wa gago.

5Mme o tlhatlose lentswe, o bolele fa pele ga Morena, Modimo wa gago, o re: ‘Rraetsho e ne e le Mosiria yo o kgarakgatshegang, a fologela kwa Egepeto, a ya go jaka teng, a na le batho ba se kae fela, mme teng a nna setšhaba se segolo, se se thata, se sentsi.

6Mme Baegepeto ba ne ba re direla bosula, ba re gatelela, ba re dirisa tiro e e bokete.

7Ke fa ra goela Moreneng, Modimo wa borraarona, mme Morena a utlwa selelo sa rona, a bona pogisego ya rona le tapisego ya rona le pitlaganyo ya rona.

8Morena a ba a re hudusa kwa Egepeto ka seatla se se thata le ka letsogo le le otlologileng le ka theregiso e kgolo le ka ditshupo le dikgakgamatso,

9a re gorosa felong fano, a re naya lefatshe leno, lefatshe le le elang mašwi le dinotshe.

10Jaanong bona, ke tlisitse mabutswapele a maungo a lefatshe le o le nneileng, wena Morena,’ – o be o a bee fa pele ga Morena, Modimo wa gago,

11o itumelele tse di molemo tsotlhe tse Morena, Modimo wa gago, a di go fileng le ba lapa la gago, wena le Molefi le moeng yo o nang nao.

12“E ne e re o sena go ntsha karolo ya some yotlhe ya thobo ya gago ka ngwaga wa boraro wa go thusa batlhoki ka karolo ya some le go e naya Molefi le moeng le lesiela le motlholagadi gore ba e je mo metseng ya gago, ba kgore,

13o tla o rapela fa pele ga Morena, Modimo wa gago, o re: ‘Ke tlositse tse di boitshepo mo ntlong ya me, ke bile ke di neile Molefi le moeng le lesiela la motlholagadi fela jaaka o ntaetse. Ga ke a tlola taolo epe ya gago le e seng go lebala epe.

14Ga ke a ka ka ja sepe sa tsona mo bohutsaneng jwa me le e seng go tlosa sepe sa tsona ke itshekologile, le e seng go naya moswi sepe sa tsona. Ke utlwile lentswe la Morena, Modimo wa me; ke dirile fela jaaka o ntaetse.

15A ko o okomele o le kwa boagong jo bo boitshepo jwa gago jo bo kwa legodimong, o tshegofatse morafe wa gago wa Iseraele le lefatshe le o le re neileng jaaka o ikanetse borraetsho, e bong lefatshe le le elang mašwi le dinotshe.’

Baiseraele ke morafe wa Morena

16“Kajeno Morena, Modimo wa gago, o go laela gore o dirise melao eo le ditshwanelo tseo, o di tlhokomele, o di dire ka pelo yotlhe le ka mowa otlhe.

17Kajeno o utlwile Morena a re, ene o tla nna Modimo wa gago, mme wena o tsamae mo ditseleng tsa gagwe, o tlhokomele melao ya gagwe le ditaolo tsa gagwe le ditshiamelo tsa gagwe, o utlwe lentswe la gagwe.

18Kajeno Morena o go utlwile o re, wena o tla nna morafe wa gagwe o o mo ineetseng jaaka a go solofeditse, o tlhokomela ditaolo tsotlhe tsa gagwe.

19Morena o rile a re, ene o tla go dira morafe o mogolo o o gaisang ditšhaba tsotlhe tse o di dirileng ka pako le tumo le bontle gore o nne morafe o o boitshepo wa Morena, Modimo wa gago, jaaka a buile.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help