DIPESALEME 75 - Setswana 1970(TSW70)

Moatlhodi wa lefatshe yo o nang le senwelo sa bogale

1Pesalome ya ga Asafe e e kwaletsweng moopedisi; sefela se se opelwang ka moopelo wa: “O se ka wa senya”.

2Re a go leboga, Modimo,

re a leboga.

Re bitsa leina la gago,

re bolela dikgakgamatso tsa gago.

3“Fa nako ya me e tsile,

ke atlhola ka tshiamo.

4Le fa lefatshe le ka tshikinyega

le botlhe ba ba agileng mo go lone,

nna ke tlhomamisitse

maotwana a lone. Sela.

5Ke reile masilo ka re:

‘Se nneng bosilo,’

le baikepi ka re:

‘Se tsholetseng lonaka.

6Se tsholeletseng lonaka lwa lona

kwa godimo;

se bueng tsa matepe,

lo gagamaditse melala.’ ”

7Gonne katlholo

ga e tswe kwa botlhabatsatsi

le e seng kwa bophirimatsatsi

le e seng kwa sekakeng sa dithaba,

8mme moatlhodi ke Modimo,

o kokobetsa yo, o godisa yole.

9Gonne mo seatleng sa Morena

go senwelo sa weine e e fufulang,

e tletse ditswaiso,

mme o nosa ka sona;

ee, baikepi botlhe ba lefatshe

ba tla gôpa magorugoru a sona,

ba a nwa.

10Mme nna ke tla bolela

ka bosakhutleng,

ke opelela Modimo wa ga Jakobe

o o rileng:

11“Ke tla kgaola dinaka tsotlhe

tsa baikepi;

dinaka tsa basiami tsona

di tla tsholediwa.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help