DIANE 30 - Setswana 1970(TSW70)

Diane tsa ga Agure

1Mafoko a ga Agure morwa Jake wa ga Masa. Monna yo o a re: “Ke itapiseditse Modimo; ke itapiseditse Modimo. Ke feletswe.

2Gonne ke seeleele sa phologolo, ga ke motho; ga ke na tlhaloganyo ya motho.

3Ga ke a ithuta botlhale; ene Moitshepi ga ke na kitso ya go mo itse.

4Go tlhatlogetse mang kwa legodimong a ba a boa? Ke mang yo o huparetseng phefo ka diatla tsa gagwe? Ke mang yo o bofeletseng metsi mo kobong? Ke mang yo o tlhomamisitseng dikhutlo tsotlhe tsa lefatshe? Leina la gagwe ke mang? Leina la Morwawe ke mang? Nkarabe, fa o itse tseo.”

5Mafoko otlhe a Modimo a itshekisitswe; ona Modimo ke thebe ya ba ba batlang botshabelo mo go ona.

6Se oketse mafoko a ona, e se re gongwe wa go otla, mme wa fitlhelwa o le moaki.

Diane tse dingwe

7Ke kopa dilo di le pedi mo go wena; se nkganele ka tsona ke ise ke swe:

8Bolotsana le mafoko a maaka di katose mo go nna. Se mphe lehuma le e seng lehumo. Mphe dijo tse di ntekanyeng,

9e se re gongwe ka kgora, ka go itatola ka re: “Morena ke mang?” E se re gongwe ka humanega, ka utswa, ka senya leina la Modimo wa me.

10Se sebe motlhanka mo go mongwagwe, e se re gongwe a go roga, mme wa nna molato.

11Go na le batho bangwe ba ba rogang borraabo, ba ba sa tshegofatseng bommaabo;

12ke ba ba ithayang ba re, ba phepa, mme ba ise ba tlhapisiwe maswe a bone.

13Batho bao – matlho a bona a ikgantsha jang ne! Dintshi tsa matlho a bona di supa boikgodiso jang ne!

14Batho bao – meno a bona ke ditšhaka, meno a ditlhaya tsa bona ke dithipa, ba ja babogisegi mo lefatsheng le go tlosa bahumanegi mo bathong.

15Kgofa e na le bomorwadia-yona ba le babedi ba ba reng: “Mphe! Mphe!” Go na le dilo di le tharo tse di sa kgoreng; ee, di le nne tse di sa reng: “Go ntse!”

16Ke felo ga baswi le moopa le lefatshe le le sa kgoreng metsi le molelo o o sa reng: “Go lekanye.”

17Leitlho le le sotlang rraalo, le le nyatsang go utlwa mmaalo, magakabe a molatswana a tla le gonya, manongnyana a tla le ja.

18Go dilo di le tharo tse di mpalelang; ee, di le nne tse ke sa di itseng.

19Ke tsela ya lenong kwa loaping, le tsela ya noga mo lefikeng, le tsela ya mokoro mo lewatleng, le tsela ya monna yo o nang le mosadi yo mošwa.

20Tsela ya mosadi yo o senyang nyalo e ntse jaana: Fa a jele, o iphimola molomo a re: “Ga ke a dira molato.”

21Lefatshe le roroma ka dilo di le tharo; ee, le palelwa ke go itshokela dilo di le nne:

22Ke motlhanka, fa a nna kgosi; le seeleele, fa se kgora dijo;

23le lefetwa, fa le nyalwa; le lelata, fa le leleka mohumagadi wa lone.

24Dilo di le nne di dinnye mo lefatsheng, mme di botlhale thata, ke tse:

25Ditshoswane ke morafe o o seng thata, mme di tle di baakanye dijo tsa tsona selemo;

26dipela ke morafe o o sa tiang, mme di tle di ikagele matlo mo mafikeng;

27tsie ga e na kgosi, mme segopa sotlhe sa yona se bolola ka thulaganyo;

28mokgantitswane ò ka o tshwara ka diatla, mme o mo matlong a dikgosi.

29Go dilo di le tharo tse di gwantang sentle, ee, dilo di le nne tse di tsamao e ntle, ke tse:

30Tau ke mogale mo gare ga dibata; ga e tshabe sepe;

31mokoko o gwanta mo gare ga dikgogo; le phoko e etelela letsomane pele; le kgosi e bolotsa mephato ya yona.

32Fa o dirile bosilo ka go ikgodisa, gongwe fa o logile maano a a bosula baya seatla mo molomong!

33Gonne go fetlha lobebe go ntsha serethe; go pitla dinko go ntsha madi; go tlhotlheletsa bogale go tsosa tlhabano.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help