DITIRO 10 - Setswana 1970(TSW70)

Pono ya ga Koronelio kwa Kaisarea

1Go ne go le monna mongwe kwa Kaisarea yo leina la gagwe e leng Koronelio, e le molaodi-wa-lekgolo mo mophatong o o bidiwang wa Italia,

2e le morapedi yo o boifang Modimo, ene le botlhe ba ntlo ya gagwe, yo o atswang batho thata, a rapela Modimo ka metlha.

3E rile e ka nna nako ya boraro thapama, a bona moengele wa Modimo sentle ka pontsho a tsena go ene, a mo raya a re: “Koronelio!”

4Mme ene a tsepa matlho mo go ene a tshogile a re: “Ke eng, Morena?”

A mo araba a re: “Merapelo ya gago le dikatso tsa gago di tlhatlogile go nna segopotso fa pele ga Modimo.

5Mme jaanong roma banna kwa Jope go bitsa Simone yo o okeleditsweng leina la Petoro;

6o nna kwa go Simone yo mongwe wa mosugi yo ntlo ya gagwe e leng fa lewatleng; ene o tla go bolelela se o tshwanetseng go se dira.”

7Ya re moengele yo o buileng nae a sena go tsamaya, a bitsa ba le babedi ba badiredi ba lelapa le motlhabani mongwe yo o boifang Modimo, wa ba ba nang nae ka gale,

8a ba bolelela tsotlhe, a ba roma kwa Jope.

Pono ya ga Petoro kwa Jope

9E rile ka moso, bone ba sa le mo tseleng, mme ba atametse motse, Petoro a tlhatlogela kwa godimo ga ntlo go rapela, e ka nna ka nako ya motshegare.

10Foo a tshwarwa ke tlala, a ba a rata go ja. Ya re ba baakanya, a welwa ke tshiramo ya pelo,

11a bona legodimo le bulegile, le setsholo sengwe, e kete lesela le legolo, se fologela fa fatshe se lepeleditswe ka dintlha tse nne,

12mo go sona go le mefutafuta ya tse di maoto-mane le dibata le digagabi tsa lefatshe le dinonyane tsa loapi.

13Lentswe la ba la tla go ene la re: “Nanoga, Petoro, tlhaba o je!”

14Mme Petoro a re: “A go se nne jalo, Morena; gonne ga ke ise nke ke je sepe se se ilegang, le fa e le se se itshekologileng.”

15Lentswe la ba la tla go ene lwa bobedi la re: “Tse Modimo o di itshekisitseng, wena o se ka wa re, di a ilega.”

16Ga dirafala jalo gararo; setsholo sa ba sa akofa sa tsholelwa kwa legodimong.

17Ya re Petoro a sa ntse a akabetse gore pono e o e bonyeng e ka ne e kayang, ga tla banna ba ba romilweng ke Koronelio, ba boditse ka ga ntlo ya ga Simone, ba ema fa mojako,

18ba bitsa, ba be ba botsa gore a Simone yo o okeleditsweng leina la Petoro o nna teng fa.

19Ya re Petoro a ntse a akanya ka ga pono, Mowa wa mo raya wa re: “Bona, go banna ba le bararo, ba a go batla.

20Nanoga o fologe, o ye nabo, o se belaele sepe; gonne ke nna ke ba romileng.”

21Petoro a fologela kwa banneng ba ba romilweng ke Koronelio kwa go ene a re: “Ke nna yo lo mmatlang; ke eng se lo se tletseng?”

22Ba re: “Koronelio, molaodi-wa-lekgolo, monna yo o siameng yo o boifang Modimo, yo o bolelwang ka molemo ke setšhaba sotlhe sa Bajuta, o laetswe ke moengele yo o boitshepo gore a go biletse kwa ntlong ya gagwe, a utlwe mafoko mo go wena.”

Petoro mo ntlong ya ga Koronelio

23Ke fa a ba biletsa mo teng, a ba tshola. Ya re kamoso a tsoga a bolola nabo, le bangwe ba bakaulengwe ba ba mo Jope ba ya nae.

24Ka moso o mongwe ba tsena mo Kaisarea. Koronelio a bo a ba lebeletse, a phuthile ba ga gabo le ditsala tse dikgolo tsa gagwe.

25Ya re Petoro a re o a tsena, Koronelio a mo kgatlhantsha, a wela fa dinaong tsa gagwe, a mo obamela.

26Mme Petoro a mo emisa a re: “Nanoga, le nna ke motho fela jaaka wena.”

27Ya re a ntse a bua nae, a tsena, a ba a fitlhela ba bantsi ba phuthegile.

28A ba raya a re: “Lo itse ka losi gore monna wa Mojuta ga a a letlelelwa go ikopanya le mongwe wa morafe o sele, le fa e le go tsena go ene; mme nna Modimo o ntshupeditse gore ke se ka ka kaya motho ope gore o a ilega gongwe o itshekologile.

29Ke gona ka moo e rileng ke bidiwa, ka tla fela, ke sa ganetse. Mme jaanong ke botsa gore lo mpileditseng?”

30Koronelio a araba a re: “E rile maloba, go setse go fetile malatsi a mane, ka nako eno ya boraro thapama, ka rapela mo ntlong ya me, ka bona monna a ema fa pele ga me, a apere diaparo tse di galalelang,

31a nthaya a re: ‘Koronelio, thapelo ya gago e utlwilwe, le dikatso tsa gago di gopotswe fa pele ga Modimo.

32Ka moo he, roma kwa Jope, o bitse Simone yo o okeleditsweng leina la Petoro; o nna mo ntlong ya ga Simone wa mosugi fa lewatleng; yoo e tla re fa a tsile, a bue nao.’

33Ke ka moo ke akofileng ka roma kwa go wena; mme o dirile sentle, fa o tsile. Jaanong re fano rotlhe fa pele ga Modimo go utlwa tsotlhe tse o di laetsweng ke Modimo.”

34Ke fa Petoro a tswa molomo a re: “Ammaaruri, ke lemoga gore Modimo ga o gobelelele motho;

35mme yo o o boifang, a ba a dira ka tshiamo morafeng mongwe le mongwe, o a mo amogela.

36O rometse Baiseraele Lefoko la ona, wa bega kagiso ka Jesu Keresete Efangeleng; ke ene Morena wa botlhe.

37Lo itse se se dirafetseng mo lefatsheng lotlhe la Jutea, go simolola kwa Galelea, morago ga kolobetso e Johane o neng a e rera,

38e bong sa ga Jesu wa Nasaretha, jaaka Modimo o mo tloditse ka Mowa o o Boitshepo le ka nonofo; yo o ne a dikologa a dira molemo, a fodisa botlhe ba ba gatelelwang ke Diabolo; gonne Modimo o ne o na nae.

39“Rona re basupi ba tsotlhe tse o di dirileng mo lefatsheng la Bajuta le mo Jerusalema, yo ba bileng ba mmolaya ka go mo pega mo logonnye.

40Ene yoo Modimo o mo tsositse ka letsatsi la boraro, wa dira gore a bonale,

41e seng mo bathong botlhe, mme e le mo basuping ba ba tlhaotsweng ke Modimo pele, e bong mo go rona ba re jeleng, ra nwa nae, a sena go tsoga mo baswing.

42Mme o re laetse go rerela batho le go supa gore ke ene yo o tlhomilweng ke Modimo go nna moatlhodi wa baphedi le baswi.

43Ke ene yo baporofeti botlhe ba supang ka ga gagwe gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene o tla bona boitshwarelo jwa dibe ka leina la gagwe.”

44Ya re Petoro a sa ntse a bua mafoko a, Mowa o o Boitshepo wa wela botlhe ba ba utlwang molaetsa.

45Ke fa ba bogwera ba ba dumetseng, ba ba tsileng le Petoro, ba gakgamala fa neo ya Mowa o o Boitshepo e tshetswe le mo baheitaneng;

46gonne ba ba utlwa ba bua ka diteme, ba godisa Modimo. Ke fa Petoro a simolola go botsa a re:

47“A mongwe a ka thibela metsi gore batho ba, ba ba amogetseng Mowa o o Boitshepo fela jaaka rona, ba se kolobediwe?”

48A ba a laola gore ba kolobediwe mo leineng la ga Jesu Keresete. Jaanong ba mo rapela gore a tlhole malatsi mangwe teng.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help