1 SAMUELE 11 - Setswana 1970(TSW70)

Saule o fenya Baamone

1Morago ga moo ga bolola Nahase wa Moamone, a dikanyetsa motse wa Jabese kwa Gileate ka ntwa; ke fa banna botlhe ba Jabese ba raya Nahase ba re: “Dira kgolagano le rona, mme re tla go direla.”

2Mme Nahase wa Moamone a ba fetola a re: “Kgolagano e nke e dirang le lona ke ya go re: Lona lotlhe ke lo gonye matlho a le le jang, ke direle Baiseraele botlhe tshotlego jalo.”

3Bagolo ba Jabese ba mo araba ba re: “Re fe sebaka sa malatsi a supa gore re rome barongwi kwa nageng yotlhe ya Iseraele. Jaanong e tla re fa go se na ope yo o re thusang, re go ineele.”

4Barongwi bao ba fitlha kwa Gibea wa ga Saule, ba bolela mafoko ao mo ditsebeng tsa batho. Ke fa batho botlhe ba tlhatlosa mantswe ba lela.

5E ne e le gona Saule a gorogang, a tswa kwa tshimong a setse dikgomo morago. Saule a botsa a re: “Batho ba lelelang?” Ba mmolelela mafoko a banna ba Jabese.

6Ya re Saule a utlwa mafoko ao, Mowa wa Modimo wa mo tsena, mme a tuka bogale.

7A tsaya dikgomo di le pedi, a di tlhaba, a di kgabetlela, a romela dinama kwa nageng yotlhe ya Iseraele ka barongwi a re: “Yo o sa bololeng a sala Saule le Samuele morago, dikgomo tsa gagwe di tla dirwa jalo.” Ke fa poifo ya Morena e wela batho, mme ba bolola jaaka monna a le mongwe.

8Jaanong a ba bala kwa Beseke: Baiseraele ba le 300 000, banna ba Juta ba le 30 000.

9A laela barongwi bale ba ba tlileng a re: “Bolelelang banna ba Jabese kwa Gileate jaana lo re: ‘E tla re kamoso fa letsatsi le le bolelo, lo bone thuso.’ ” Ya re barongwi ba fitlha, ba bolelela banna ba Jabese jalo, mme ba itumela.

10Jaanong banna ba Jabese ba raya Baamone ba re: “Kamoso re tla ineela mo go lona gore lo re direle tsotlhe ka fa lo bonang ka teng.”

11Ya re kamoso mo mosong Saule a kgaoganya banna ditlhopha di le tharo; ba tsena mo bothibelelong jwa Baamone ka tiso ya masa, ba bolaya Baamone go ya bolelong jwa motshegare. Masalela a bone a phatlalala, go se ba le babedi ba ba setseng mmogo.

12Ke fa banna ba raya Samuele ba re: “Ke bomang ba ba boditseng ba re: ‘A Saule o tla re busa?’ Ntshang banna bao gore re ba bolae!”

13Mme Saule a re: “A go se ka ga bolawa ope ka letsatsi le, gonne Morena o dirafaditse pholoso mo Iseraeleng kajeno.”

14Samuele ene a raya banna a re: “Tlaang a re yeng kwa Gilegala, re tlhomamise bogosi teng sešwa.”

15Ke fa banna botlhe ba ya kwa Gilegala, ba dira Saule kgosi sešwa fa pele ga Morena teng kwa Gilegala; ba tlhaba ditlhabelo tsa tebogo teng fa pele ga Morena. Saule le banna botlhe ba Iseraele ba itumela thata gona.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help