DIPESALEME 105 - Setswana 1970(TSW70)

Ditiro tse Modimo o di diretseng Baiseraele

1Lebogang Morena,

lo bitse leina la gagwe;

lo itsise ditiro tsa gagwe

mo merafeng!

2Mo opeleleng, lo mo leletse,

lo bolele dikgakgamatso tsotlhe

tsa gagwe!

3Belafalang ka leina la gagwe

le le boitshepo;

a go itumele dipelo

tsa ba ba batlang Morena!

4Botsang ka ga Morena

le ka ga thata ya gagwe;

lo batle sefatlhego sa gagwe

ka gale.

5Gopolang dikgakgamatso tsa gagwe

tse a di dirileng,

le ditshupo tsa gagwe le dikatlholo

tsa molomo wa gagwe,

6lona losika lwa ga Aborahame,

motlhanka wa gagwe;

lona bomorwa Jakobe,

baitlhaolelwi ba gagwe!

7Ena Morena ke Modimo wa rona;

dikatlholo tsa gagwe

di mo lefatsheng lotlhe.

8O gopola kgolagano ya gagwe

ka gale,

e bong lefoko le a le laetseng

ditshika tse kete.

9Kgolagano e o e dirileng

le Aborahame

le ikano e o e ikanetseng Isaka,

10a e tlhomamisetsa Jakobe

go nna molao le Iseraele

go nna kgolagano e e sa khutleng,

11fa a re: “Wena ke tla go naya

lefatshe la Kanana

gore e nne kabelo

ya boswa jwa lona,”

12jale fa palo ya bona

e sa ntse e le nnye,

mme e le ba se kae,

e bile ba le baeng mo go lone,

13ba tlhatlologanya dinageng,

ba tswa setšhabeng

ba ya setšhabeng,

ba tlogela bogosi bongwe,

ba ya kwa morafeng o mongwe.

14A se ka a leseletsa motho ope

go ba gatelela;

le gona a betsa dikgosi

ka ntlha ya bona a re:

15“Se ameng batlodiwa ba me,

lo se direle baporofeti ba me

bosula.”

16O kile a biletsa tlala mo lefatsheng,

a senya tlamelo yotlhe ya dijo.

17A roma monna go ba etelela pele,

e bong Josefa,

a rekisiwa go nna motlhanka.

18Ba tsenya maoto a gagwe

mo ditshiping,

a ya go lala ka esi mo dikeetaneng

19go ya go dirafale lefoko la gagwe,

lefoko la Morena le mo supe

a le mo nneteng.

20Kgosi ya roma go mmofolola,

mmusi wa merafe a mo golola.

21Ya mo dira morena wa ntlo

ya yona le molaodi

wa tsotlhe tse e nang natso

22gore a laole dikgosana tsa yona

ka fa a ratang ka teng

le go ruta bagolo ba yona botlhale.

23Ke fa Iseraele a ya kwa Egepeto;

Jakobe a jaka mo lefatsheng

la ga Hame.

24Mme Morena

a atisa morafe wa gagwe segolo,

a o thatafatsa

bogolo go baba ba ona.

25O ne a ba tlhanola dipelo

gore ba tlhoe morafe wa gagwe,

ba direle batlhanka ba gagwe

ka bolotsana.

26A roma Moše,

motlhanka wa gagwe,

le Arone

yo o neng a mo itlhaoletse.

27Bao ba dira ditshupo tsa gagwe

mo go bona,

le dikgakgamatso

mo lefatsheng la ga Hame.

28A romela lefifi, a fifatsa;

mme ba tlhokomologa

lefoko la gagwe.

29A fetola metsi a bona madi,

a bolaya ditlhapi tsa bona.

30Lefatshe la bone

la ba la tlalatlala digwagwa,

le mo matlwaneng

a dikgosi tsa bone.

31A laela,

mme ga tla diboba le menang

mo nageng yotlhe ya bone.

32A dira pula ya bone sefako,

a romela melelo ya dikgadima

mo lefatsheng la bone.

33A itaya meweine ya bone

le mefeie ya bone,

a robaka ditlhare tsa naga ya bone.

34A laela,

mme ga tla tsie ya segongwane

le molome e e se nang palo.

35Ya ja botala jotlhe

mo lefatsheng la bone,

ya laila maungo a masimo a bone.

36Le gona a itaya maitibolo otlhe

mo lefatsheng la bone,

e bong matsalwapele

a thata yotlhe ya bone.

37Ke fa a ba hudusa

ba tshotse selefera le gouta,

go se masalela ape

mo ditsong tsa gagwe.

38Baegepeto ba itumelela

khudugo ya bone,

gonne ba ne ba wetswe ke letshogo

ka ntlha ya bone.

39O ne a phutholola leru

go nna tshireletso

le molelo go bonesa bosigo.

40E rile ba lopa,

a tsisa maphurrwana,

a ba kgorisa senkgwe sa legodimo.

41A phatlola lefika,

metsi a phothometsega,

a ela mo sekakeng jaaka noka.

42Gonne o ne a gopola

lefoko la gagwe le le boitshepo,

le Aborahame,

motlhanka wa gagwe.

43A bolotsa morafe wa gagwe

ka boitumelo

le baitlhaolelwi ba gagwe

ka tuduetso.

44A ba naya mafatshe a ditšhaba

gore ba rue

tse merafe e di phuthileng

ka matsapa,

45e le gore ba dirise ditaelo tsa gagwe

le go tlhokomela melao ya gagwe.

Haleluya!

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help