1Botlhale bo agile ntlo ya jona, jwa emisa maotwana a yona a supa,
2jwa tlhaba dikgomo tsa jona, jwa tlhakanya weine ya jona, jwa baakanya lomati lwa bojelo lwa jona,
3jwa roma basetsana ba jona, ba laletsa ba le fa mebotong e e okameng motse ba re:
4“Yo o sa tlhalefang, a a tle kwano!” Yo o se nang tlhaloganyo bo mo raya bo re:
5“Tlayang lo je dijo tsa me, lo nwe weine e ke e tlhakantseng!
6Tlogelang bosilo gore lo phele; lo sepele mo tseleng ya tlhaloganyo.”
7Yo o kgalemelang mosotli o iponna ditlhong fela; yo o bolelelang moikepi nnete o itshela sebala sa gagwe.
8Se kgalemele mosotli, e se re gongwe a go tlhoa; kgalemela yo o botlhale, o tla go rata.
9Naya yo o botlhale, o tla tlhalefela pele; ruta mosiami, o tla rutegela pele.
10Tshimologo ya botlhale ke go boifa Morena; go itse Moitshepi ke yona tlhaloganyo.
11Gonne malatsi a gago a tla ntsifala ka nna; o tla okelediwa dinyaga tsa bophelo ke nna.
12Fa o le botlhale, o tla thusega ka jona; fa o sotlile o tla rwala molato o le wesi.
13Mosadi yo o bidiwang Bosilo o a tlhodia, o a raela; ga a itse ditlhong.
14O ntse fa mojakong wa ntlo ya gagwe mo sedulong kwa mebotong ya motse
15gore a laletse ba ba fetang mo tseleng, ba ba tlhamaletseng mo ditselaneng tsa bone, a re:
16“Yo o sa tlhalefang a a tle kwano!” Yo o se nang tlhaloganyo a mo raya a re:
17“Metsi a a utswitsweng a monate; senkgwe sa sephiri se a natefa.”
18Mme yo o sa tlhalefang ga a itse fa baswi ba le gona; fa ba ba laleditsweng ke ene Bosilo ba le kwa matennye a felo ga baswi.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.
