JEREMIA 20 - Setswana 1970(TSW70)

Jeremia o bogisiwa ke Phašure, mookamedi wa Tempele

1Jaanong morwa moperesiti Imere, e bong Phašure, yo e neng e le mookamedi yo mogolo wa Ntlo ya Morena, a utlwa Jeremia a rera mafoko ao.

2Foo Phašure a itaya moporofeti Jeremia, a mo kudupanya ka go mo golegela mo dikoteng tse di mo kgorong e e godimo ya Benyamene e e gaufi le Ntlo ya Morena.

3Mme ya re ka moso Phašure a ntsha Jeremia mo kgolegelong eo, Jeremia a mo raya a re: “Morena ga a tlhole a go bitsa Phašure, mme o tla go bitsa ‘Therego-tikologong’.

4Gonne Morena o buile jaana a re: ‘Bona, ke tla go dira moipoifi, ke go dira theregiso mo ditsaleng tsotlhe tsa gago. Ba tla wa ka tšhaka ya baba ba bone fa pele ga matlho a gago. Mme ke tla neela Bajuta botlhe mo seatleng sa kgosi ya Babele gore e ba ise mo botshwarong kwa Babele, e ba reme ka tšhaka.

5Mme maruo otlhe a motse o le dithoto tsotlhe tsa ona le dilo tsotlhe tse di tlhwatlhwa e kgolo tsa ona, le mahumo otlhe a dikgosi tsa Juta ke tla di neela mo diatleng tsa baba ba bone; ba tla di thopa, ba di tsaya, ba di isa kwa Babele.

6Le wena Phašure le baagi botlhe ba ntlo ya gago lo tla ya mo botshwarong; o tla goroga kwa Babele, o swela gona, o fitlhwa gona, wena le ditsala tsotlhe tsa gago tse o di reretseng maaka.’ ”

Jeremia o lela ka ga morwalo o o makete wa tiro ya boporofeti

7 Morena, ò nkgonne, ka ineela;

ò no o le thata bogolo go nna,

wa mphenya.

Ke fetogile yo o tshegwang

letsatsi lotlhe;

botlhe ba a ntshotla.

8Gonne ka nako nngwe le nngwe,

fa ke bua,

ke na le go goa le go kua ke re:

“Kgatelelo le tshenyo!”

Gonne Lefoko la Morena

le mphetogetse kgobo le tshotlo

ka malatsi otlhe.

9Jaanong fa ke re: “Ga nkitla

ke tlhola ke mo gopola le e seng

go bua mo leineng la gagwe,”

foo go nne jaaka molelo

o o fisang mo pelong ya me,

o o tswaletsweng

mo marapong a me.

Ke itapisitse go itshoka,

mme ke paletswe.

10Therego e mo tikologong!

Gonne ke utlwetse ba bantsi

ba ntsheba ba re:

“Mmegeng, re rata go mo teba.”

Batho botlhe ba ba phelang

le nna ka kagiso

ba lalela phoso ya me.

Ba re: “Ka gongwe o tla raelega

gore re mo fenye,

re mo ipusolosetse.”

11Mme Morena o na le nna

a le senatla se se boitshegang;

ka moo ba ba ntebelang ba tla wa,

ba sa fenye.

Ba tla tlhajwa ke ditlhong

tse dikgolo,

gonne ga ba a kgona sepe.

Ke kgala e e sa khutleng

e e sa lebalweng.

12Wena Morena wa masomosomo

yo o tlhatlhobang mosiami,

yo o bonang diphilo le pelo,

nte ke bone pusoloso ya gago

mo go bone,

gonne ke go neetse kgang ya me

ka go go ikanya.

13Opelelang Morena!

Tumisang Morena!

Gonne o pholositse bophelo

jwa mohumanegi

mo diatleng tsa ba ba pelompe.

14A go rogakwe letsatsi

le ke tsetsweng ka lone!

A letsatsi le mmê o mpelegeng

ka lone le se ka la tshegofadiwa!

15A go rogakwe monna yo o neng

a begela rre mafoko a boitumelo

a re:

“O tsaletswe ngwana

wa mosimane!”

yo o neng a mo itumedisa thata.

16A monna yoo a nne jaaka metse

e Morena o kileng a e ribegetsa,

a sa e utlwele botlhoko!

A a utlwe go goa mo mosong

le mokgosi wa ntwa motshegare,

17ka a se ka a mpolaela

mo mmeleng wa ga mmê!

Foo mmê e ka bo e le phupu

ya me;

foo o ka bo a le moimana

ka bosakhutleng.

18Kana ke ne ke tsalelwang gore

ke bone tapisego le bohutsana,

mme malatsi a me a fete

ka ditlhong?

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help