JESAYA 63 - Setswana 1970(TSW70)

Petso ya Etomo

1Ke mang

yo o tswang kwa Etomo,

kwa Bosera,

a apere diaparo tse dikhibidu?

Ke mang yo dikobo tsa gagwe

di galalelang, yo o gwantang

ka thata e kgolo ya gagwe?

“Ke nna yo ke buang

boammaaruri,

ke nonofile go pholosa!”

2O hubiletseng diaparo?

Ke eng, fa dikobo tsa gago

di tshwana le tsa mogati

wa segatelo?

3“Ke gatile segatelo ke le nosi,

go se morafe ope

o o nang le nna;

ka ba gataka ke le bogale,

ka ba pšhwetlakanya

ke galefile;

ke fa madi a bone a gasegela

mo diaparong tsa me,

ke kgotlela tsotlhe

tse ke di apereng.

4Gonne letsatsi la pusoloso

le ne le le mo pelong ya me;

ngwaga wa go golola ba me

o ne o fitlhile.

5Ke ne ka gadimela

kwa le kwa,

mme go se na mothusi,

ka gakgamala,

mme go se na

yo o ntshegetsang.

Ke fa letsogo la me le nthusa;

bogale jwa me jwa ntshegetsa.

6Ka gataka merafe

ke le bogale,

ka ba tagisa ke galefile,

ka tsholelela madi a bone

fa fatshe.”

Thapelo ya boikwatlhao gore Modimo o ba golole jaaka borraabo kgale

7Ke tla baka

mapelotlhomogi a Morena

le ditiro tse di tumileng

tsa Morena

jaaka go tshwanetse tsotlhe

tse Morena a di re diretseng,

le molemo o mogolo

o o diretseng Baiseraele ka ona

go lekana le mautlwelo-botlhoko

a gagwe le mapelotlhomogi

a magolo a gagwe.

8Gonne a re: “Kana bone ke morafe wa me, ke bana ba ba sa aketseng;” a ba a nna mopholosi wa bone

9mo ditlalelong tsotlhe tsa bone; a ba thusa, e seng morongwi le e seng moengele, nnyaya, ene ka esi a ba golola ka lorato lwa gagwe le ka thekegelo ya gagwe; a ba tsholetsa, a ba belega ka malatsi otlhe a bogologolo.

10Mme bona ba ganetsa, ba hutsafatsa Mowa o o Boitshepo wa gagwe; ke fa a ba fetogela mmaba, a tlhabana nabo ka esi.

11Ke fa morafe wa gagwe o gopola malatsi a kgale a ga Moše, o re: “O kae yo o neng a ntsha modisa wa letsomane mo metsing? O kae yo o neng a tsenya Mowa o o Boitshepo wa gagwe mo teng ga gagwe?

12O kae yo o neng a tsamaisa letsogo le le galalelang la gagwe mo ntlheng ya le le jang la ga Moše, a phatlola metsi fa pele ga bone gore a itirele leina le le sa khutleng?

13Yo o neng a ba ralatsa madiba a metsi ba sa kgotšwe jaaka pitse, fa e ralala sekaka, ene o kae?”

14Mowa wa Morena o ba ikhutsisitse jaaka dikgomo di fologela kwa mokgatsheng. O gogile morafe wa gago jalo gore o itirele leina le le galalelang.

Thapelo ya go kopa kutlwelo-botlhoko le thuso

15Okomela o le mo legodimong, o bone o le mo bonnong jwa gago jo bo boitshepo, jo bo galalelang! E kae tlhoafalo ya gago le ditiro tsa thata ya gago? A maikutlo a a mo teng ga gago le mapelotlhomogi a gago a se ntlogele!

16Gonne wena o rraarona. Kana Aborahame ga a re itse le Iseraele ga a re lemoge. Wena Morena o rraarona. Mogolodi wa rona: Ke lone leina la gago go tswa bogologolo.

17Morena ke ka ntlhaang, fa o re leseletsa go fapoga mo ditseleng tsa gago; fa o thatafatsa dipelo tsa rona, mo re sa tlholeng re go boifa? Boa ka ntlha ya batlhanka ba gago le ka ntlha ya ditso tse e leng boswa jwa gago!

18Morafe o o boitshepo wa gago o ne o ruile naga e sebakanyana fela; ba ba re pitlaganyang ba gatakile Felo ga gago ga Boitshepo.

19Re fetogile ra tshwana le ba o iseng o ke o ba buse ka gope; ba ba iseng ba bidiwe ka leina la gago.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help