1 DITIRAFALO 27 - Setswana 1970(TSW70)

Balaodi ba mephato

1Go fa go bolelwa Baiseraele ka fa palong ya bone, e bong ditlhogo tsa dikgoro le balaodi ba dikete le ba makgolo le baduedi ba bone ba ba direlang kgosi mo dilong tsotlhe tsa mephato e e refosanyang mo tirong ka kgwedi le kgwedi ngwaga otlhe. Mophato o le mongwe e ne e le batlhabani ba le 24 000.

2Mookamedi wa mophato wa ntlha wa kgwedi ya ntlha e ne e le Jasobeame morwa Sabediele; ba mophato wa gagwe ba le 24 000.

3Ene e ne e le oora Pherese, e le tlhogo ya balaodi botlhe ba mephato kgweding ya ntlha.

4Mookamedi wa mophato wa kgwedi ya bobedi e ne e le Dotai wa kwa Ahohi, mme Mikelothe e le moeteledipele wa mophato wa gagwe; ba mophato wa gagwe ba le 24 000.

5Molaodi wa mophato wa boraro wa kgwedi ya boraro e ne e le Benaya morwa Joyata moperesiti yo mogolo; ba mophato wa gagwe ba le 24 000.

6Benaya yoo e ne e le mogale wa ba ba 30 le mookamedi wa bone; mookamedi wa mophato wa gagwe e ne e le Amisabate morwawe.

7Molaodi wa bone wa kgwedi ya bone e ne e le Asahele monnaa Joabe le Sebatya morwawe sehularong sa gagwe; ba mophato wa gagwe ba le 24 000.

8Molaodi wa botlhano wa kgwedi ya botlhano e ne e le Samehuthe wa kwa Isera; ba mophato wa gagwe ba le 24 000.

9Molaodi wa borataro wa kgwedi ya borataro e ne e le Ira morwa Ikese wa kwa Thekoa; ba mophato wa gagwe ba le 24 000.

10Molaodi wa bosupa wa kgwedi ya bosupa e ne e le Helese wa kwa Phelone wa Baeferaime; ba mophato wa gagwe ba le 24 000.

11Molaodi wa robedi wa kgwedi ya robedi e ne e le Sibegai wa kwa Huša wa losika lwa ga Sera; ba mophato wa gagwe ba le 24 000.

12Molaodi wa robongwe wa kgwedi ya robongwe e ne e le Abiesere wa kwa Anathothe wa Babenyamene; ba mophato wa gagwe ba le 24 000.

13Molaodi wa some wa kgwedi ya some e ne e le Maharai wa kwa Netofa wa losika lwa ga Sera; ba mophato wa gagwe ba le 24 000.

14Molaodi wa 11 wa kgwedi ya 11 e ne e le Benaya wa kwa Phirathone wa Baeferaime; ba mophato wa gagwe ba le 24 000.

15Molaodi wa 12 wa kgwedi ya 12 e ne e le Heletai wa kwa Netofa wa losika lwa ga Otheniele; ba mophato wa gagwe ba le 24 000.

Baeteledipele ba ditso tsa Iseraele

16Baokamedi ba ditso tsa Iseraele e ne e le ba: Moeteledipele wa Barubene e le Eliesere morwa Sigeri; wa Basimeone e le Sefatya morwa Maaga;

17wa Balefi e le Hasabja morwa Kemuele; wa boora Arone e le Satoke;

18wa Bajuta e le Elihu wa bomorwa-rraagwe Dafita; wa Baisašare e le Omeri morwa Migaele;

19wa Basebulone e le Isemaya morwa Obatya; wa Banafetale e le Jeremothe morwa Aseriele;

20wa Baeferaime e le Hosea morwa Asasia; wa bontlhanngwe jwa lotso lwa ga Manase e le Joele morwa Phetaya;

21wa bontlhanngwe jwa Bamanase ba kwa Gileate e le Ito morwa Sagaria; wa Babenyamene e le Jaasiele morwa Abenere;

22wa Badane e le Asarele morwa Jerohame. Ke bone balaodi ba ditso tsa Baiseraele.

23Mme Dafita a se ka a tshola palo ya bone ba ba dinyaga di 20 le e seng ya bomonnaa-bone; gonne Morena o ne a solofeditse go ntsifatsa Baiseraele jaaka dinaledi tsa legodimo.

24Joabe morwa Seruya o ne a simolotse go bala morafe, mme a se ka a fetsa, ka petso ya bogale e ne e wetse Baiseraele ka ntlha ya gona; le gona palo ya teng ya se ka ya tsholwa mo lokwalong lwa ditirafalo tsa malatsi a kgosi Dafita.

Badiredi ba bangwe ba ga Dafita

25Mookamedi wa matlotlo a kgosi e ne e le Asemawethe morwa Adiele. Mme mookamedi wa matlotlo a a kwa nageng le mo metseng le mo metsaneng le mo dinakeng tsa phemelo e ne e le Jonathane morwa Usia.

26Mookamedi wa balemi ba masimo e ne e le Eseri morwa Kelobe.

27Mookamedi wa masimo a moweine e ne e le Simei wa kwa Rama; mookamedi wa ditsaga tsa weine tse di neng di le kwa masimo e ne e le Sabedi wa kwa Sifeme.

28Mookamedi wa ditlhare tsa olefa le tsa mefaa tse di neng di le mo nageng e e kwa tlase e ne e le Baale-Hanane wa kwa Getere; mookamedi wa lookwane lo lo bolokilweng e ne e le Joase.

29Mookamedi wa dikgomo tse di neng di fula kwa lebaleng la Sarone e ne e le Siterai wa kwa Sarone; mme mookamedi wa dikgomo tse di mo melapong e ne e le Safate morwa Atelai.

30Mookamedi wa dikammele e ne e le Obile wa Moisemaele; mme mookamedi wa diesele tse dinamagadi e ne e le Jedia wa kwa Meronothe.

31Mookamedi wa difutshane e ne e le Jasise wa kwa Hagare. Botlhe bao e ne e le baokamedi ba bagolo ba maruo a kgosi Dafita.

Bagakolodi ba ga Dafita ka sebele

32Mme Jonathane rrangwanaagwe Dafita e ne e le mogakolodi, e le monna wa tlhaloganyo yo o rutegileng; mme Jehiele morwa Hagemoni o ne a na le bomorwa kgosi.

33Ahithofele e ne e le mogakolodi wa kgosi; mme Husai wa Moaregi e ne e le tsala e e ikanyegang ya kgosi.

34Ahithofele o ne a tlhomagannwa ke Joyata morwa Benaya, le Abjathare; mme molaodi wa mephato ya kgosi e ne e le Joabe.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help