JOBE 39 - Setswana 1970(TSW70)

1“A o itse sebaka se mefele

ya mafika e tsalang ka sona?

A o disa ditholo,

fa di segwa ke maralalo?

2A o bala dikgwedi

fa di ntse di dusa?

A o itse sebaka

se di tsalang ka sona?

3Di kudupane

di tsale bana ba tsone,

di fetse go segwa ke maralalo.

4Bana ba tsone

ba tie ba golele mo nageng;

ba di tlogele,

mme ba se ke ba boele

kwa go tsone.

5Yo o rebotseng esele ya nageng

ke mang,

ke mang yo o bofolotseng

dikgole tsa pitse ya nageng

6e ke dirileng sekaka ntlo ya yona

ka dira naga ya dikgalaopa

bonno jwa yona?

7E tshega modumo wa motse;

ga e utlwe dikgalemelo

tsa mokgweetsi.

8E batla mafulo a yona

kwa dithabeng,

e latelela tsotlhe tse ditala.

9A nare e ka rata go go direla?

Gongwe a e ka lala

fa segopong sa gago?

10A o ka golega nare

ka kgole ya yona gore e leme?

Gongwe a e tla ega mekgatsha

e go setse morago?

11A o ka e ikanya,

ka thata ya yona e le e kgolo?

Gongwe a o ka e tlogelela

tiro ya gago?

12A o ikaega ka yona

gore e tla busa kotulo ya gago,

e e phuthela

mo seboaneng sa gago?

13Diphuka tsa ntšhwe

yo monamagadi di a phuphutha.

A diphuka le mafofa tsa gagwe

di supa lorato?

14Kana o tlogela mae a gagwe

fa fatshe,

mme a a thuthuse mo leroleng.

15A lebale

gore a ka gatakwa ke ditlhako

gongwe a ka pšhwetlwa

ke diphologolo tsa naga.

16A direle bana ba gagwe

ka bopeloethata

jaaka e kete ga se ba gagwe.

Le fa tiro ya gagwe e le ya lefela,

ene ga a kgathale.

17Gonne Modimo

o mo timile botlhale;

ga o a ka wa mo abela

tlhaloganyo.

18Mme e a re a phuphutha

ka diphuka, a siane,

a tshege pitse

le mopalami wa yona.

19A o naya pitse thata?

A o apesa thamo ya yona

ka moetse?

20A o e matlisa jaaka tsie?

Pudulo ya yona e e mabela

e a boitshega.

21E tiba ka ditlhako

mo molapong e thabile;

e bolole ka thata

go kgatlhantsha marumo.

22E tshega poifo, mme ga e tshoge;

ga e boe go tshaba ditšhaka.

23Mo go yona

go tlharakana mokotlopo;

go phatsima tšhaka le lerumo.

24E ja naga ka loratla le lebelo;

ga e eme, fa lonaka lo lela.

25Ka nako le nako,

fa go lela lonaka a re: ‘Ahee!’

Mme e dupelele tlhabano

le dikgalemo tsa balaodi

le mekgosi ya ntwa,

e ntse e le kgakala.

26A segodi se fofa

ka tlhaloganyo ya gago,

se tsharololela diphuka tsa sona

kwa borwa?

27Kampo a lenong le fofa

kwa godimo ka taolo ya gago,

le dire sentlhaga sa lone

kwa godimo?

28Le se agile mo mafikeng;

le nna mo menong a dithaba

le mo ditlhoeng tsa tsona.

29Go tswa teng le tlhola dijo;

matlho a lone a bonela kgakala.

30Mamphorwana a lone

le ona a nwa madi;

mme fa go leng ditoto teng

le lone le gona.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help