DIPESALEME 111 - Setswana 1970(TSW70)

Poko ya ditiro tsa Morena

1Haleluya!

Ke tla leboga Morena

ka pelo yotlhe mo lekgotleng

la ba ba nang le nnete

le mo phuthegong ke re:

2Ditiro tsa Morena ke tse dikgolo,

di tlhotlhomisiwa ke botlhe

ba ba kgatlhwang ke tsona.

3Tiro ya gagwe ke borena

le kgalalelo,

tshiamo ya gagwe e emetse ruri.

4O dirile segopotso

sa dikgakgamatso tsa gagwe.

Morena o boitshwarelo

le boutlwelo-botlhoko.

5Ba ba mmoifang o ba file dijo,

kgolagano ya gagwe

o e gopola ka bosakhutleng.

6Thata ya ditiro tsa gagwe

o e itsisitse batho ba gagwe

ka go ba ruisa boswa

jwa Baditšhaba.

7Ditiro tsa diatla tsa gagwe

di boammaaruri le tshiamo,

ditaelo tsa gagwe

di ikanyega tsotlhe;

8di tlhomamiseditswe ruri

le ka bosakhutleng,

di tlhokomelwa ka boikanyo

le ka nnete.

9Batho ba gagwe

o ba rometse kgololo;

o laetse kgolagano ya gagwe

go nna e e sa khutleng;

leina la gagwe le boitshepo,

le a tshabega.

10Go boifa Morena

ke tshimologo ya botlhale;

mongwe le mongwe

yo o dirang jalo

o na le tlhaloganyo e e molemo.

Poko ya gagwe e nnetse ruri.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help