DIPESALEME 63 - Setswana 1970(TSW70)

Dafita o tlhologeletswe Modimo

1Pesalome ya ga Dafita, a le mo sekakeng sa Juta.

2Modimo, o Modimo wa me,

ke batla wena;

mowa wa me o go nyoretswe,

nama ya me e go tlhologeletswe

mo lefatsheng la komelelo,

le le nyorilweng,

le le se nang metsi.

3Ke ne ke go lebile

kwa Felong-ga-Boitshepo

ka maikutlo a a ntseng jalo,

go bona thata ya gago

le kgalalelo ya gago.

4Gonne bopelotlhomogi jwa gago

bo molemo go gaisa bophelo.

Molomo wa me o tla go baka.

5Ke tla go tumisa jalo

mo botshelong jotlhe jwa me,

ke tsholetsa mabogo

mo leineng la gago.

6Mowa wa me o tla kgora

jaaka ka moko le mafura;

molomo wa me o tla baka

ka go duduetsa,

7fa ke go gopola

mo bolaong jwa me;

ke akanya ka ga gago

ka dinako tsa tebelelo ya bosigo.

8Gonne o ne o le thuso ya me;

ke tla duduetsa

mo moriting wa diphuka tsa gago.

9Mowa wa me o go setse morago,

o go kgomaretse;

letsogo le le jang la gago

le ntshegeditse.

10Mme bona ba ba ratang

go nkisa tshenyegong

ke bona ba ba tla fitlhang

mo mafelong

a a kwa tlase ga lefatshe.

11Ba tla neelwa mo thateng

ya tšhaka;

ba tla nna seabe sa diphokojwe.

12Mme kgosi e tla itumela

mo Modimong.

Mongwe le mongwe yo o ikanang

ka ona o tla belafala;

gonne melomo ya ba ba buang

maaka e tla thijwa.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help