DIPESALEME 34 - Setswana 1970(TSW70)

Morena

o femela modumedi

1Pesalome ya ga Dafita, e a e kwadileng jale, fa a itira setsenwa fa pele ga Abimelege, yo o neng a mo leleka, mme a tsamaya.

2Ke rata go baka Morena

ka metlha yotlhe,

tumiso ya gagwe e tla nna

mo molomong wa me ka gale.

3Mowa wa me o tla ipelafatsa

ka Morena.

Baitshoki ba tla utlwa, ba itumela.

4Godisang Morena le nna,

a re tlotlomatseng

leina la gagwe mmogo.

5Ke ne ka batla Morena,

mme a nkaraba,

a ba a nkgolola

mo dipoifong tsotlhe tsa me.

6Ba ba lebileng ena

ba galalela difatlhego,

mme difatlhego tsa bona

ga di kitla di sosobana.

7Motho yo wa batho o biditse,

mme Morena a utlwa,

a mo thusa

mo ditlalelong tsotlhe tsa gagwe.

8Moengele wa Morena

o thibelela tikologong

ya bona ba ba mmoifang,

a ba golola.

9Lekang lo bone,

fa Morena a le molemo;

go sego monna

yo o itiketsang ka ene.

10Boifang Morena,

lona baitshepi ba gagwe;

gonne ba ba mmoifang

ga ba nke ba tlhoka sepe.

11Ditawana di a tlhoka,

di bolawa ke tlala;

mme ba ba batlang Morena

bona ga ba kitla ba tlhoka

molemo ope.

12Bana ke lona, tlayang lo ntheetse!

Ke rata go lo ruta

go boifa Morena.

13Motho ke ofe

yo o eletsang bophelo,

a rata bontsi jwa malatsi

gore a tle a bone molemo?

14Thibela loleme lwa gago

mo bosuleng,

le molomo wa gago

gore o se ka wa bua tsietso.

15Thibogela bosula, o dire molemo;

batla kagiso, o bo o e latelele.

16Matlho a Morena

a lebile ba ba mmoifang;

ditsebe tsa gagwe di sekegetswe

go lelela thuso ga bona.

17Sefatlhego sa Morena

se kgatlhanong

le ba ba dirang bosula

gore a fedise

go gopolwa ga bona mo lefatsheng.

18Basiami ba biditse,

mme Morena a utlwa,

a ba golola

mo ditlalelong tsotlhe tsa bona.

19 Morena o gaufi

le ba ba pelo di thubegileng,

o pholosa

ba ba mewa e kgobegileng.

20Dipogo tsa mosiami di dintsi,

mme Morena

o di mo namolela tsotlhe.

21O boloka marapo otlhe a gagwe,

ga go lepe la ona le le robiwang.

22Bosula bo bolaya moikepi;

ba ba tlhoileng mosiami

ba tla bonwa molato.

23 Morena o golola mewa

ya batlhanka ba gagwe;

botlhe ba ba mo ikanyang

ga ba kitla ba bonwa molato.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help