DIPESALEME 124 - Setswana 1970(TSW70)

A go bakwe mogolodi wa Iseraele

1Sefela sa go ya Tempeleng sa ga Dafita.

Fa e ka bo e ne e se Morena

yo o neng a re emela –

a Iseraele a re jalo –

2fa e ka bo e ne e se Morena

yo o neng a re emela,

jale fa batho ba re tsogela,

3foo ba ka bo ba re meditse

re sa phela,

jale fa ba re tukela bogale.

4Foo noka e ka bo e re gogotse,

metsi a ka bo a re betile.

5Foo metsi a a gogomogileng

a ka bo a re khurumeditse.

6A go bakwe Morena

yo o sa re tlogelelang

go garolwa ke meno a bona.

7Mewa ya rona

e falotse jaaka nonyane

mo mutlwaneng wa mothaisi;

mogala o kgaogile,

mme rona re falotse.

8Thuso ya rona

e mo leineng la Morena,

Modiri wa legodimo le lefatshe.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help